Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 2:12 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

12 Ki gona yalo, baratoi ba me, yaka lo loa utlua ka gale, esiñ kua ki gona gosi, mi bogolu yana mo bosieoñ yoa me, itiheleñ puluko ea lona ka poiho le thoromo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

12 Ditsala tse di rategang, erile fa ke na le lona koo, le ne lo tlhokomela ka nako tsotlhe go latela ditaolo tsa me. Mme jaanong ka ke seyo lo tshwanetse go tlhokomela thata go dira dilo tse di siameng tse di felelelang mo polokong, lo ikobela Modimo ka tshisimogo e kgolo, lo ikgape mo go tsotlhe tse di ka tlhokang go o itumedisa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

12 Jaanong, baratwi ba ka, ba lo ntseng lo utlwa ka metlha, e seng fela fa ke le teng, mme bogolo bogolo jaanong ke se yo, ipatleleng phologo ya lona ka poifo le thoromo;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

12 Jalo, barutwa ba me, fela jaaka lo ntse lo utlwa gale, e seng kwa ke leng gone go le gosi, mme bogolo thata gompieno ke seyo, lo itireleng poloko ka losi, ka poifo le ka thoromo;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 2:12
41 Iomraidhean Croise  

Ki gona, a re riheñ kholagano yana le Morimo oa rona, re coise basari botle, le ba ba tsecoeñ ki bona, kaha khakololoñ ea morena oa me, le ea bona ba ba roromañ ka taolo ea Morimo oa rona, mi a go rihale kaha molaoñ.


Nama ea me e roromisioa ki go gu boiha; mi ki boiha tsekisho tsa gago.


Rihelañ Yehova ka poiho, mi itumeleñ ka thoromo.


Tiho ea mosiami ki go botseloñ: totahalo ea moikepi ki go boleoñ.


Moea oa moruhari oa eletsa, mi ga o na sepe: mi moea oa motloahari o tla nontsioa.


Gone cotle tse atla sa me se li rihile, mi cotle tse li li leeo, go bua Yehova: mi ki tla leba eo, go eo oa mohumanegi, le oa moea o o thubegileñ, a roroma ka huku ya me.


¶ Utluañ huku ya ga Yehova, lona ba lo roromañ ka huku ya gague: Bana ba rra‐enu ba ba lo tloañ, ba lo khoromeletsañ ntle ka leina ya me, ba re, A Yehova a galalerioe; mi ena, o tla kuetegela boitumelo yoa lona, mi bona ba tla tlayoa ki litloñ.


Mi ga malatsi a ga Yohane Mobapetisi le go yana, bogosi yoa magorimo boa tlaseloa, mi batlaseri ba bo cuara ka tlaselo.


Ipeleseñ yokue oa me, mi lo ithute ga me, gone ki pelunomi, le bonolo yoa pelu; mi lo tla bonela meoea ea lona tapologo.


Mi ka a sina lopa leseri, a tlolela teñ, mi a tla ka thoromo, mi a oela ha pele ga Paulo le Sile.


Mi a roroma, a silohala, a re, Morena, u rata ka rihañ? Mi Morena a mo raea, Tloga u eme, u ee kua motseñ, mi u tla buleleloa se u cuanetseñ go se riha.


Botselo yo bo sa khutleñ go bona ba ba coelelañ pele go riha molemo, ba batla khalalelo, le tlotlo, le bosashueñ:


Ki gona, bakauleñue ba me, ba ba rategañ, nañ tlomamo, le go bisa go tsikenyega, go totisioa bogolu mo tihoñ ea Morena ka gale; ka lo itse ha tihelo ea lona e si lehela mo Moreneñ.


Mi ki le ki na le lona ka bokoa, le poiho, le bogolu yoa lithoromo.


Ga ki kuale lilo tse go lo tlabisa litloñ, mi ki lo tlagisa yaka bana ba ba rategañ ba me.


Mi lorato loa gague loa teñ lo rihahetse lo logolu bogolu kaga lona, ka a sa gopola kutlo ea lona lotle, kaha lo leñ loa mo cula ka poiho le thoromo.


Batlañka, utluañ beñ ba lona kaha nameñ, ka poiho le thoromo, mo boñueheleñ yoa pelu tsa lona, yaka go Keresete;


Mi bogolu, tsamaeañ yaka go cuanela evangelio ea ga Keresete, gore ere ha ’nka ea go lo bona, khotsa ha ki sa ee, ki utlue kaha lontseñ ka gona, gore lo eme mo moeeñ o moñue hela ka tlaloganyo ñue hela, go ganelela mogo tumelo ea evangelio;


Gone lo necoe tsegohaco ka ntla ea ga Keresete, esiñ go rumela mo go ena gosi, mi le gona go mogiserioa;


Ka kabalano ea lona mo evangelioñ, mo tsatsiñ ya ntla le mo nakoñ enu;


Ka go ikanya seo se, ha eo o simolotseñ tiho e e molemo mo go lona, a tla e ueletsa mo motleñ oa ga Yesu Keresete;


Mi kia shuluhela mo go Yesu Morena, go akoha ki lo romela Timoteo, gore le ’na ki ne le khomoco e e molemo, mogañ ki tlaloganyañ kaha lontseñ ka gona.


KI gona, bakauleñue ba me, ba ba rategañ, ba ba tlologeleloañ segolu, lo boitumelo yoa me, le seroalo sa bogosi sa me, baratoi, emañ yalo ka tlomamo mo Moreneñ.


Le lona Bafilipi, itseñ, ha erile mo tsimologoñ ea evangelio, ka ki huruga mo Makedonia, ga go ekelesia epe e e ’nkabetseñ kaga go nela le go cula, ha e si lona losi.


Re gopola ka go bisa go khutla tiho ea tumelo ea lona, le tihelo ea lorato, le bopelutelele yoa culuhelo mo go Yesu Keresete Morena oa rona, ha pele ga Morimo le Rra ecu;


Ki gona ki icokelañ cotle ka ntla ea baitseñkeroi, gore le bona ba bone puluko e e mo go Keresete Yesu, le khalalelo e e sa khutleñ.


KI gona ereka re hocoe ki bontsi yo bogolu yoa bashupi, yalo a re latleñ tse ri bokete cotle, le sebe se se re emelelañ bogolu, mi a re sianeñ ka bocoelelo tsianoñ e re e beecoeñ pele,


KI gona, a re itiseñ, ka pulelelo‐pele e sa leeo go tsena mo khucoñ ea gague, gore e si re khotsa moñue oa lona a e tlaela.


Ki gona a re ganeleñ go tsena mo khucoñ e, gore go si ne ope eo o latlegañ yaka sekao seuo, ka ntla ea go bisa go rumela.


Mi erile a sina goriserioa khalaleloñ, a na mocoeri oa puluko e e sa khutleñ go bona botle ba ba mo utluañ:


Baratoi, kia lo rapela yaka baeñ le baeti, gore lo thibogele likhatlego tsa nama, tse ri tlabanañ le moea;


Mi golañ mo tsegohacoñ, le mo kicoñ ea Morena oa rona, le Yesu Keresete Moluki. Khalalelo e ne go ena, yana le ka bosina bokhutlo. Amena.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan