Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 2:1 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 KI gona ha go na le khomoco ñue mo go Keresete, ha go na le khomoco ñue ea lorato, ha go na le kabalano ñue ea Moea, ha go na le boutluelo‐botluku, le maicuarelo mañue,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

1 A go na le sengwe se se tshwanang jaaka Bakeresete ba itumelelana? A lo nthata thata go batla go nthusa? A go raya sengwe mo go lona gore re bakaulengwe mo Moreneng, re tlhakanetse mowa o le mongwe fela? A tota dipelo tsa lona di bonolo le bopelotlhomogi?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

1 Jaanong fa go na le kgothatso ka Keresete, fa go na le kgomotso ya lorato, fa go na le kopano ya Mowa, fa go na le lorato lwa pelo le kutlwelo-botlhoko,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 Ke gone fa go na le kgomotso nngwe mo go Keresete, fa go na le nametso nngwe ya lorato, fa go na le bolekane bongwe le Mowa, fa go na le mautlwelobotlhoko a manana le mapelotlhomogi,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 2:1
42 Iomraidhean Croise  

BONAÑ, go molemo yañ, go nateha yañ, go bakauleñue go aga mogo ka kopano!


Ki gona mala a me a rumelañ Bamoaba yaka harepe; le liteñ tsa me kaga Kira‐haresa.


Mi, bonañ, gabo gole monona mo Yerusalema, leina ya gague e le le Simeone; mi monona eouo a bo a siame, e le moihi Morimo, a lebeletse khomoco ea Yeserela; mi Moea oa Boitsepho o lo le go ena.


Ga ’nkitla ki lo tlogela likhutsana; ki tla tla go lona.


Kagisho kia e lo tlogelela, kagisho ea me kia e lo naea; ga ki lo nee yaka lehatse le naea. A pelu tsa lona li si huruege, le gona a li si boihe.


Mi yana ki tla go uena; mi ki bua lilo tse mo lehatsiñ, gore ba ne le boitumelo yoa me bo tletse mo go bona.


Mi ba na bañue hela ka metla eotle mo tempeleñ, ba roba señkhue mo tluñ ñue le go e ñue, ba ya liyo tsa bona mogo ka boitumelo, le boñue hela yoa pelu,


Mi bontsi yoa bona ba ba rumelañ bo le yoa na pelu ñue hela, le moea o moñue hela, mi le gona go si ope eo o reñ lilo tse o nañ naco ki tsa gague, gone ba le ba na bañue hela mo liloñ tsa bona.


Mi culuhelo ga e tlabise litloñ; gone lorato loa Morimo lo goromericoe mo peruñ tsa rona ka Moea oa Boitsepho, o re o necoeñ.


Mi gontse yalo le ona Moea, o thusa tse ri siñ thata tsa rona, ka re sa itse kaha re cuanetseñ go rapela ka gona, mi Moea ka osi oa re rapelela ka liphegelo tse ri sa kakeñ tsa buleloa.


Gone le rona rotle re bapetisericoe mele o moñue hela, ka Moea o moñue hela, leha e le Bayuda khotsa Bagerika, leha e le bagolegoi, khotsa ba ba golocoeñ; mi re nosicoe rotle ga Moea o moñue hela.


Kia shupa ka pelahalo ea rona, e ki nañ naeo mo go Keresete Yesu Morena oa rona, kia shua ka malatsi aotle.


Mi a ga lo itse ha lo le tempela ea Morimo, le ha Moea oa Morimo o aga mo go lona?


Tsegohaco ea ga Yesu Keresete Morena, le lorato loa Morimo, le kabalano ea Moea oa Boitsepho e ne le lona lotle. Amena.


Mi yana a Morimo o itumeleloe, o o re henyeritseñ ka gale mo go Keresete; o o bonatsañ moñkho oa kico ea gague mo maheloñ aotle ka rona.


Mi ereka lo le bana, Morimo o romile Moea oa Moroa ona mo peluñ tsa lona, o o bitsañ, Aba, Rra.


Mi louñuo loa Moea ki lorato, le boitumelo, le kagisho, le bopelutelele, le bopelunomi, le molemo, le tumelo,


Go mele o moñue hela, le Moea o moñue hela, yaka lo bilericoe culuheloñ e ñue hela ea pico ea lona;


Gone Morimo ki moshupi oa me oa tlologelelo e kholu e ki lo tlologelecoeñ lotle ka eona, ka boutluelo‐botluku yo bogolu yoa ga Yesu Keresete.


Gone boguera ki rona ba re rihelañ Morimo mo moeeñ, le go belahala mo go Keresete Yesu, mi ga re na boikanyo mo nameñ.


Gore lipelu tsa bona li gomorioe, li tlamagañoe mogo mo loratoñ, le mo mahumoñ aotle a tlomamo eotle ea tlaloganyo, go itse bosaitsioeñ yoa Morimo Rra le yoa ga Keresete;


Ki gona yalo ikapiseñ yaka baitseñkeroi ba Morimo, le baitsephi le baratoi, ka boutluelo botluku yoa boicuarelo, le tsalano, le bopelunomi, le bonolo yoa pelu, le bopelutelele;


Gore ka lilo li tu tse ri sa hetogeñ, tse ri retetseñ go Morimo go aka ka cona, rona ba re batlileñ botsabelo, re ke re itsisioe thata go tsegetsa culuhelo e re e beecoeñ pele;


Ba ba itseñkecoeñ kaha kicoñ e e itsetseñ pele ea Morimo Rra, ka boitsephisho yoa Moea, go kutlo le khaco ea mari a ga Yesu Keresete: Tsegohaco le kagisho li lo ntsihalele.


Mi eo o tsegetsañ litaolo tsa ona, o agile mo go ona, le ona mo go ena. Mi rea itse ka mouo, ha o agile mo go rona, ka Moea o o o re neileñ.


Ga go ope eo o kileñ a bona Morimo ka motla ope. Ha re ratana, Morimo o agile mo go rona, mi lorato loa ona lo tlaricoe mo go rona.


Mi re itsile mi ra rumela lorato loa Morimo go rona. Morimo o lorato; mi eo o agileñ mo loratoñ, o agile mo Morimoñ, le Morimo mo go ena.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan