Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 1:7 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

7 Yaka go siame go ’na go ikutlua ga lona lotle yalo, gone ki na le lona mo peruñ ea me, mo kholegoñ tsa me, le mo ikarabeloñ, le mo tlomamishoñ ea evangelio, ka lo le baaberoi ba tsegohaco ea me.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

7 Go ntshiametse jang go ikutlwa jaaka ke ikutlwa kaga lona, gonne lo na le bonno jo bo faphegileng mo pelong ya me. Re abelanye masego a Modimo rotlhe, fa ke le mo kgolegelong le fa ke dule, ke femela boammaaruri ebile ke bolelela ba bangwe kaga Keresete.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

7 jaaka go ntshwanetse go nna le kgopolo eo ka ga lona lotlhe, ka lo le mo pelong ya me; gonne lotlhe lo tlhakanetse bopelotlhomogi le nna ke le mo kgolegong, ke emela Efangele, ke e tlhomamisa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

7 fela jaaka go ntshiametse, gore ke nne ke lo gopole jalo lotlhe, gonne ke na le lona mo pelong ya me, ka lotlhe lo tlhakanetse tshegofatso le nna mo dikgolegong tsa me, le mo go femeleng Mafoko a a Molemo, le mo go a tlhomamiseng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 1:7
34 Iomraidhean Croise  

Ha e si Moea oa Boitsepho o o shupañ, o re, mo motseñ moñue le moñue, likholego le lipogisho lia ’ntebelela.


Mi eo mogolu a atamela a mo cula, mi a laola gore a golegoe ka liketen li tu; mi a botsa gore ki mañ, le se o se rihileñ?


Lo iphapanya lilo cotle, lo rumela lilo cotle, lo shuluhela lilo cotle, lo icokela le lilo cotle.


Mi cotle tse, kia li riha ka ntla ea evangelio, gore ki ne moaberoi oa eona le lona.


Ki lona episetole ea rona, e e kuariloeñ mo peruñ tsa rona, e e itsegileñ, e e buisicoeñ ki bathu botle;


Go ki bue se go lo pateletsa; gone ki buile pele, ha lo le mo peruñ tsa rona go shua mogo, le go tsela mogo.


Gone boguera le go bisa boguera go si na thata epe mo go Keresete Yesu; mi e le tumelo e e rihañ ka lorato.


KA mouo, ’na Paulo, mogolegoi oa ga Keresete Yesu, ka ntla ea lona, bahaitene,


KI gona ’na mogolegoi mo Moreneñ, ki lo rapelañ gore lo tsamaee go cuanela pico e lo birioañ ka eona,


E ki moroñoi mo keteneñ ka ntla ea eona; gore ki bue mo go eona ka thanolo, yaka ki cuanetse go bua.


Mi, bakauleñue, ki rata gore lo itse tse ri ’nkhatlaneritseñ, li rihahaletse go coeleletsa pele ga evangelio bogolu;


Ga tsamaea likholego tsa me mo go Keresete tsa bonatsega mo tluñ eotle ea khosi, le mo maheloñ aotle;


Mi bogolu yoa bakauleñue ba ba mo Moreneñ ba ikantse bogolu ka kholego tsa me, ba na bonatla bogolu go bua lehuku esiñ ka poiho.


Ka kabalano ea lona mo evangelioñ, mo tsatsiñ ya ntla le mo nakoñ enu;


Mi loa itse kaha o la a lekoa ka gona, ha a la a ’ntihela mo evangelioñ, yaka ñuana le rague.


Leha gontse yalo, lo rihile sentle, ka lo loa abelanoa le pogisho tsa me.


Le lona Bafilipi, itseñ, ha erile mo tsimologoñ ea evangelio, ka ki huruga mo Makedonia, ga go ekelesia epe e e ’nkabetseñ kaga go nela le go cula, ha e si lona losi.


Le uena molekane oa me oa tiho, thusa basari ba ba ’nthusitseñ mo evangelioñ, le ena Kelemento, le ba bañue ba ba rihelañ le ’na, ba maina a bona a leñ mo bukeñ ea botselo.


Tumerisho ea me, ’na Paulo, ka atla sa me. Gopolañ likholego tsa me. Tsegohaco e ne le lona. Amena.


Le rona, lo re rapelele, gore Morimo o re bulele moyako oa lehuku, gore re bue bosaitsioeñ yoa ga Keresete, yo le yona ki bo golegecoeñ;


Lona lotle lo bana ba leseri, le bana ba letsatsi; ga re ba bosigo, leha e le ba lehihi.


Ki gona u se tlabisioe litloñ ki cupo ea Morena oa rona, le esiñ ka ntla ea me eo ki leñ mogolegoi oa gague; mi u ne moaberoi oa lipogisho tsa evangelio kaha thateñ ea Morimo;


E ki bogiserioañ likholegoñ yaka morihalibe; mi lehuku ya Morimo ga le golegoe.


Eo ’nkaboñ ki mo thibetse go ’na, gore a ’ntihele mo bonnoñ yoa gago, mo likholegoñ tsa evangelio;


KI gona, bakauleñue ba boitsepho, ba e leñ baaberoi ba pico ea legorimo, tsañtsia Yesu Keresete, eo e leñ moapostoloi, le moperiseti eo mogolu, eo re mo ipobotseñ;


Mi lo itumele ka le mororo lo le baaberoi ba lipogisho tsa ga Keresete; gore le gona lo itumele, lo ipele segolu, mo ponatsegoñ ea khalalelo ea gague.


BAGOLU ba ekelesia ba ba mo go lona, kia ba kaela, ’na eo ki leñ mogolu nabo, le moshupi oa lipogisho tsa ga Keresete, le moaberoi oa khalalelo e e tla bonatsioañ:


Mi kia gopola ha e le tsiamo ka ki sale mo taberenakeleñ e, go lo tlotleletsa ka go lo goporisa;


Rea itse ha re rule mo loshuñ, mi re khabaganyeritse botseloñ, gone re rata bakauleñue. Eo o sa rateñ mokauleñue oa gague o agile mo loshuñ.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan