Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 1:6 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

6 Ka go ikanya seo se, ha eo o simolotseñ tiho e e molemo mo go lona, a tla e ueletsa mo motleñ oa ga Yesu Keresete;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

6 Mme ke tlhomamisa gore Modimo o o simolotseng tiro e e molemo mo go lona o tlaa lo thusa go gola mo tshegofatsong ya one go fitlhelela tiro e kgolo mo go lona e fela ka letsatsi la fa Jesu Keresete a boa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

6 Ke ikanya gore yo o simolotseng tiro e e molemo mo go lona o tla e tsweletsa go ya a e fetsa ka letsatsi la ga Keresete Jesu,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

6 Ke ntse ke ikantse mo, gore yo o simolotseng tiro e e molemo mo go lona, o tlaa e sweletsa go ya kwa motlheng wa ga Jesu Keresete;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 1:6
33 Iomraidhean Croise  

Yehova o tla ’ntekanyeletsa; Yehova, boicuarelo yoa gago bo ka bosina bokhutlo; si tlogele tiho tsa liatla tsa gago.


Yesu a araba, a ba raea, Tiho ea Morimo ki e, gore lo rumele ena eo, o mo romileñ.


Mi ka ba sina utlua tseuo, ba ririmala, mi ba galaletsa Morimo, ba re, Yalo le bona bahaitene, Morimo o ba netse tlabologelo‐botseloñ.


¶ Mi mosari moñue eo o birioañ Lidie, mapatsi oa porepura, oa motse oa Tiatira, eo o rihelañ Morimo, a re utlua; eo Morena o la a bula pelu ea gague, gore a tsetsia lilo tse Paulo o li buañ.


Eo le ena o tla lo tlomamisetsañ bokhutloñ, gore lo si ne molatu mo motleñ oa ga Yesu Keresete Morena oa rona.


Ki le ka itloma mo boikanyoñ yo go ea go lona pele, gore lo ne le tsegohaco ea botu;


Mi ki lo kualetse se ka shosi, gore e si re ki tla, ka hutsaharioa ki bona ba ki cuanetseñ ga itumela go bona; ka ki na le boikanyo mo go lona lotle, ka boitumelo yoa me, e le yoa lona lotle.


Ki gona ki itumelañ ka ki na le boikanyo mo go lona mo liloñ cotle.


Gore e si re khotsa eare ba Makedonia ba tla le ’na, ba lo hitlela lo sa iketletsa, rona (gore re si re, lona) re ko re tlayoa ki litloñ mo thateñ e ea pelahalo.


Ki ikanya ga lona mo Moreneñ, ha lo si kitla lo na le maitlomo a sele; mi eo o lo huruañ a tla belega tsekisho ea gague, leha e ka na mañ.


Go tlaleletsa baitsephi tihoñ ea tihelo, le go agelela mele oa ga Keresete;


Gore lo leke lilo tse ri sa cuaneñ; gore lo ne lo sa pekoa, le go bisa go khopisa, go ea motleñ oa ga Keresete;


Gone lo necoe tsegohaco ka ntla ea ga Keresete, esiñ go rumela mo go ena gosi, mi le gona go mogiserioa;


Ki gona yalo, baratoi ba me, yaka lo loa utlua ka gale, esiñ kua ki gona gosi, mi bogolu yana mo bosieoñ yoa me, itiheleñ puluko ea lona ka poiho le thoromo.


Gone Morimo ko ona o o rihañ mo go lona go rata le go riha, kaha nateheloñ ea ona ka gona.


Ka go bela lehuku ya botselo pele; gore ki itumele mo motleñ oa ga Keresete, ha ki le ki sa sianele lehela, khotsa ki riheletse lehela.


Lo hitloe le ena mo papetishoñ, e lo cogileñ nae mo go eona, ka ntla ea tumelo mo go riheñ ga Morimo, o o mo cositseñ mo bashuiñ.


Re gopola ka go bisa go khutla tiho ea tumelo ea lona, le tihelo ea lorato, le bopelutelele yoa culuhelo mo go Yesu Keresete Morena oa rona, ha pele ga Morimo le Rra ecu;


Ki gona le rona re lo rapelelañ ka gale, gore Morimo oa rona o lo kaee go cuanela pico e, le go rihahatsa nateho eotle ea molemo oa ona, le eona ea tumelo le thata;


Mi re na le boikanyo kaga lona mo Moreneñ, ha lo riha, mi lo tla riha, lilo tse re li lo laoletseñ.


Ki gu kualetse, ki ikanya kutlo ea gago, mi kia itse ha u tla riha le bogolu mo go se ki se buañ.


Ki gona si latleñ boikanyo yoa lona, yo ba nañ le tuelo e kholu.


Ka go leba Yesu, Mogogi eo mogolu, le mouetsi oa tumelo ea rona, eo o la a icokela mokhoro, a nyatsa litloñ, ka boitumelo yo o la a bo beecoe pele, mi a lula ha seatleñ se se siameñ sa serulo sa bogosi sa Morimo.


Mi yana Morimo oa tsegohaco eotle, o o re bileritseñ khalaleloñ ea ona e e sa khutleñ mo go Keresete Yesu, lo sina bogisioa ka bokhutsane, a o lo rihe botlalo, le go lo tlomamisa, le go lo thatahatsa, le go lo thaea.


Mi tsatsi ya Morena le tla tla yaka legoru bosigo, ye magorimo a tla hetañ ka khuasho e kholu ka yeona, mi lielementa li tla sha li nyelela, mi lehatse, le litiho cotle tse ri mo go yeona, li tla hisioa.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan