Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 1:27 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

27 Mi bogolu, tsamaeañ yaka go cuanela evangelio ea ga Keresete, gore ere ha ’nka ea go lo bona, khotsa ha ki sa ee, ki utlue kaha lontseñ ka gona, gore lo eme mo moeeñ o moñue hela ka tlaloganyo ñue hela, go ganelela mogo tumelo ea evangelio;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

27 Mme le fa e le eng se se ka ntiragalelang, gakologelwang ka nako tsotlhe go tshela jaaka Bakeresete ba tshwanetse go tshela, gore, fa ke ka lo bona gape kgotsa ke se kake ka lo bona, ke tlaa nna ke utlwa dipego tse di siameng gore lo eme ka maikaelelo a le mangwe fela a a nonofileng, go bolela Mafoko a a Molemo,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

27 Fela tshelang mo phuthegong jaaka go tshwanetse Efangele ya ga Keresete gore le fa nka tla ka lo bona gongwe ke se yo, ke utlwe ka ga lona gore lo eme ka tlhomamo mo moweng o le mongwe fela, lo tlhabanela tumelo ya Efangele mmogo ka bongwefela jwa pelo,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

27 Fela, a mokgwa wa lona wa botshelo e nne o o tshwanetseng Mafoko a a Molemo a ga Keresete, gore, e tle e re le fa ke ka tla go lo bona, kgotsa ke se yo, ke be ke utlwele go tshela ga lona, fa lo eme ka tlhomamo mo moweng o le mongwe fela, lo ntse lo ganelela tumelo ya Mafoko a a Molemo ka mowa o le mongwe fela;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 1:27
53 Iomraidhean Croise  

KI gona ’na mogolegoi mo Moreneñ, ki lo rapelañ gore lo tsamaee go cuanela pico e lo birioañ ka eona,


Mi kia lo rapela, bakauleñue, ka leina ya ga Yesu Keresete Morena oa rona, gore lo bue ka puo e ñue hela lotle, gore go si ne litomologano mo go lona; mi gore lo kitlañoe mogo mo boitlomoñ yo boñue hela, le mo kutloñ e ñue hela.


Ki gona, baratoi, ka lo lebeletse lilo tse, tloahalañ, gore lo bonoe ki ena mo kagishoñ, le go siñ sebata, le molatu.


Gore lo tsamaee go cuanela Morena, go khatla mo liloñ cotle, le go uñuisioa mo tihoñ cotle tse ri molemo, le go totela mo kicoñ ea Morimo;


Baratoi, erile ka ki itlaganela ka tloahalo eotle go lo kualela ga puluko ea botle, e le le cuanelo go ’na go lo kualela, le go lo kaela, gore lo ganelele tumeloñ e e kileñ ea neloa baitsephi gañue hela.


MI gape, bakauleñue, rea coelela go lo rapela, le go lo kaela ka Yesu Morena, yaka lo cutse mo go rona kaha lo cuanetseñ go tsamaea le go khatla Morimo, rea re, lo ne lo tote bogolu bogolu.


Ki gona yalo, baratoi ba me, yaka lo loa utlua ka gale, esiñ kua ki gona gosi, mi bogolu yana mo bosieoñ yoa me, itiheleñ puluko ea lona ka poiho le thoromo.


Gone bantsi ba tsamaea ka go sele, ba ki lo buleletseñ ga bona ka gantsi, le yana kia lo bulelela ka selelo, ha e le bona baba ba mokhoro oa ga Keresete;


Ya bohelo, bakauleñue, salañ señtle. Tlarioañ, gomorioañ, nañ boitlomo bo le boñue hela; agañ ka kagisho; mi Morimo oa lorato le kagisho o tla na le lona.


Mi bontsi yoa bona ba ba rumelañ bo le yoa na pelu ñue hela, le moea o moñue hela, mi le gona go si ope eo o reñ lilo tse o nañ naco ki tsa gague, gone ba le ba na bañue hela mo liloñ tsa bona.


BONAÑ, go molemo yañ, go nateha yañ, go bakauleñue go aga mogo ka kopano!


Mi ki tla ba naea pelu ñue hela, le tsela ñue hela, gore ba ’mpoihe ka metla eotle, go na molemo go bona, le bana ba bona hularoñ sa bona:


A ereka lilo cotle tse li tla nyelela, lo cuanetse bogolu yañ go na boitsepho mo tsamaoñ, le mo poihoñmorimo,


Ki gona, bakauleñue ba me, ba ba rategañ, nañ tlomamo, le go bisa go tsikenyega, go totisioa bogolu mo tihoñ ea Morena ka gale; ka lo itse ha tihelo ea lona e si lehela mo Moreneñ.


Gone ga ki tlayoe ki litloñ kaga evangelio ea ga Keresete; gone ki thata ea Morimo mo pulukoñ ea moñue le moñue eo o rumelañ; ga ntla Bayuda, le bona Bagerika.


Mi louñuo loa tsiamo lo yaleloa bona ba ba agisañ, mo kagishoñ.


Ka ki utlua ga lorato loa gago, le tumelo ea gago, e u nañ naeo mo go Yesu Morena, le mo baitsephiñ botle;


Esiñ go senya, mi a ba shupe boikanyo yotle yo bo molemo; gore ba khabise thuto ea Morimo Morebuluki mo liloñ cotle.


Ki ganetse khañ e e molemo, ki ueritse tsiano, ki bulukile tumelo;


Ka go tsegetsa tumelo, le segakolori se se molemo, se bañue ba se khoromeritseñ, ba thuba tumelo ea bona yaka thubego ea shepa;


Kaha evangelioñ ea khalalelo ea Morimo o o tsegaharicoñ, e ki e ikanyericoeñ.


Mi ba na bañue hela ka metla eotle mo tempeleñ, ba roba señkhue mo tluñ ñue le go e ñue, ba ya liyo tsa bona mogo ka boitumelo, le boñue hela yoa pelu,


Mi ka Yesu a itse khopolo tsa bona, a ba raea, Bogosi boñue le boñue yo bo ikhaoganañ boa nyelela; mi motse moñue le moñue, khotsa ntlu e e ikhaoganañ, ga e kitla e ema.


Gone Yehova o tla ganela se se ganeloañ sa bona; mi o tla thopa meoea ea bona ba ba ba thopañ.


Mi yana erile Timoteo a sina coa go lona a tla go rona, a re leretsa litaeco tse ri molemo tsa tumelo le lorato loa lona, le gona ka loa bo lontse lo re gopola ka khopolo tse ri molemo, lo eletsa segolu go re bona, yaka le rona go lo bona;


Re sina utlua ga tumelo ea lona mo go Keresete Yesu, le ga lorato lo, lo ratañ baitsephi botle ka lona,


Mi kia ikanya mo Moreneñ ha le ’na ki tla akoha ki tla go lona.


Ki gona le ’na erileñ ki sina utlua ga tumelo ea lona mo go Yesu Morena, le lorato mo baitsephiñ botle,


Eo, lo mo go ena, lo sina utlua lehuku ya boamarure, eboñ evangelio ea puluko ea lona; eo, le lona erileñ lo sina rumela mo go ena, loa kanoa ka Moea oa Boitsepho oa pulelelo‐pele,


E e siñ e sele; mi bañue ba gona ba ba lo huruañ, ba ba ratañ go shokamisa evangelio ea ga Keresete.


A ereka ba na le cupo ea tihelo e, ba galaleletsa Morimo boipobolo yoa kutlo ea lona e e utluelañ evangelio ea ga Keresete, le ka ntla ea kabelo e kholu e e abecoeñ bona, le botle;


Ba morimo oa lehatse yenu o hohuharitseñ maitlomo a bona ba ba sa rumeleñ, gore leseri ya evangelio ea khalalelo ea ga Keresete, eo e leñ secuano sa Morimo, le si ba phatsimele.


Mi kia itse ha ki tlare ki hitla go lona, ki tla tla mo botlaloñ yoa tsegohaco ea evangelio ea ga Keresete.


Gore ki ne moriheri oa ga Yesu Keresete mo bahaiteniñ, go ba rihela evangelio ea Morimo, gore cupelo ea bahaitene e natehe, ka e itsephisicoe ki Moea oa Boitsepho.


Mi ya reñ? Lehuku le gauhe nau, le mo molomoñ oa gago, le mo peluñ ea gago; ki yeona lehuku ya tumelo ye re le rerañ:


Gone Morimo ki moshupi oa me, o ki o rihelañ ka moea oa me mo evangelioñ ea Moroa ona, ki lo gopoa ka go bisa go khutla;


(Eo, re bonyeñ tsegohaco, le tiho ea boapostolo, mo go ena, go lere bahaitene botle mo kutluoñ ea tumelo, ka leina ya gague;


Mi morago ga malatsi mañue, ga tla Feli le mogatse Durusile, eo e leñ Moyuda, a bitsa Paulo, a mo utlua ga tumelo mo go Keresete.


Yerusalema o agiloe yaka motse o o kitlancoeñ;


Ka kabalano ea lona mo evangelioñ, mo tsatsiñ ya ntla le mo nakoñ enu;


Gone tsamao ea rona, e mo legorimoñ; kua re lebeletseñ muluki, Yesu Keresete morena oa rona;


KI gona, bakauleñue ba me, ba ba rategañ, ba ba tlologeleloañ segolu, lo boitumelo yoa me, le seroalo sa bogosi sa me, baratoi, emañ yalo ka tlomamo mo Moreneñ.


Mi a re, Ha Basiria ba ’mphe-keetsa, ereha gona u ’nthusañ: mi ha bana ba Amone ba gu hekeetsa, ereha gona ki tla gu thusañ.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan