Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 1:26 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

26 Gore pelahalo ea lona kaga me e ne kholu bogolu mo go Yesu Keresete, ka go ba go ea ga me go lona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

26 Go nna kwano ga me go tlaa lo itumedisa go ba go lo naya mabaka a go galaletsa Keresete Jesu ka go mpabalela, fa ke lo etela gape.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

26 gore go ipoka ga lona ka nna go nne gogolo bogolo mo go Keresete Jesu mogang ke nang le lona gape.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

26 gore go ipelafatsa ga lona ka nna go totafale mo go Keresete Jesu, ka go nna ga me gape mo go lona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 1:26
14 Iomraidhean Croise  

KHANTSARIAKA, uena monyaroi, ki tsile mo tsimoñ ea me: ki phuthile mera ea me, le lilo tsa loñko tsa me; ki yele lomepa loa linotse loa me le linotse tsa me; ki nole boyaloa yoa me le mashi a me: lona tsala tsa me, yañ, lo noe; E, lona baratoi, noañ segolu.


Mi yana le lona, lo na le bohutsana rure; mi ki tla ba ki lo bona, mi pelu tsa lona li tla itumela, mi ga go ope eo o lo tlosetsañ boitumelo yoa lona.


Le mo nakoñ enu ga lo e si lo lope sepe mo ineñ ya me; lopañ, mi lo tla cula, gore boitumelo yoa lona bo tlale.


Yaka le lona lo re ipobotse ka ntla ñue, ha re le pelahalo ea lona, yaka le lona lo le ea rona mo motleñ oa ga Yesu Morena.


Gone ga re lo ipakele gape, mi re lo naea kaha lo ka belahalañ kaga rona, gore lo ne le kaha lo ka khatlantsañ bona ba ba belahalañ mo sehatlogoñ, esiñ mo peruñ.


Gone ha ki mo lo belahaletse mo seoñ señue, ga ki tlayoe ki litloñ; mi yaka re buile cotle le lona mo amarureñ, gontse yalo pelahalo ea rona le eona e ki belahetseñ go Tito, e rihahetse boamarure.


Ki na le thanolo e e kholu mo puoñ le lona, ki na le pelahalo e kholu mo go lona; ki tlaricoe ka khomoco, ki na le boitumelo yo bogolu, mo pogishoñ cotle tsa rona.


Leha gontse yalo, Morimo o o gomotsañ ba ba bonolo, o re gomoritse ka go tla ga Tito;


Mi a moñue le moñue a leke tiho tsa gague, eriha gona o tla ipakañ mo go ena esi, mi esiñ mo go eo moñue.


YA bohelo, bakauleñue ba me, Itumeleñ mo Moreneñ. Go lo kualela lilo tse ri cuanañ yaka cona ga si kutluisho‐botluku go ’na, mi ki tlomamo go lona.


Gone boguera ki rona ba re rihelañ Morimo mo moeeñ, le go belahala mo go Keresete Yesu, mi ga re na boikanyo mo nameñ.


Mi ki le ka itumela segolu mo Moreneñ, ka yana lo bile lo rurisicoe ga ’nkhopola ga bohelo mo lo loa go gopola, mi lo le lo sina lobaka.


Itumeleñ mo Moreneñ ka gale; mi ki bile kia lo raea, Itumeleñ.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan