Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 1:22 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

22 Mi ha ki tsela mo nameñ, mo ki louñuo loa tiho ea me; mi ga ki itse se ki tla se itseñkelañ.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

22 Mme fa go tshela go ka nnaya lobaka lo lo ntsi go gapela batho mo go Keresete, foo, tota ga ke itse gore go botoka eng, go tshela kgotsa go swa!

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

22 Mme e re ka go phela mo nameng e le sona se se ungwisang tiro ya me, ruri ga ke itse se nka se itlhophelang.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

22 Mme fa go tshela mo nameng, fa mo e le lone loungo lwa tiro ya me, foo ga ke itse se ke ka se itshenkelang.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 1:22
14 Iomraidhean Croise  

Mi Abemeleke a re, ga kia ka ka itse eo o rihileñ seo se: le gona ga ua ka ua ’mpulelela; le gona ga kia ka utlua, ki utlua ka yenu.


Mi a gana, mi a raea mogatsa muñoague, Bona, muñoake ga a itse se se nañ le ’na mo tluñ, mi cotle tse o nañ naco o li ’ntsentse seatleñ.


Ki gona le yana, ka le mororo ki cohetse, ki thuntse moriri, u si ’ntlogele, Morimo, go tlo go tsamaee ki shupetse losika lo, cogo ya gago; le thata ea gago go ba ba rularañ botle.


MI erile bathu ba bona ha Moshe a riegile go hologa mo thabeñ, bathu ba ikokoanyetsa go Arone, ba mo raea, Tloga, u re rihele morimo, o o tla eañ ha pele ga rona; gone Moshe eo, monona eo o re entsitseñ kua hatsiñ ya Egepeto, ga re itse se se mo rihahaletseñ.


Mi yana, ba ga ecu, kia itse ha lo rihile yalo ka go bisa go itse, le bona balaori ba lona.


Mi yana, bakauleñue, ga ki rate gore lo si itse, ha ki le ki itloma go ea go lona gantsi, (mi ki santse ki thiyoa,) gore ki ne le mauñuo mañue le mo go lona, yaka gontse ma bahaiteniñ ba bañue.


Morimo ga oa ka oa latla bathu ba ona ba o ba itsileñ pele. Khotsa, a ga lo itse se lokualo lo se buañ ga Eliyahu? kaha a rapelañ Morimo kaga Bayeserela, a re,


Gone leha re tsamaea mo nameñ, ga re tlabane kaha nameñ;


Ki bapocoe le Keresete; leha gontse yalo ki tserile; mi esiñ ’na, mi ki Keresete eo o tserileñ mo go ’na; mi botselo yo ki tselañ ka yona yanuñ mo nameñ, ki bo tsela ka tumelo ea Moroa Morimo, eo o ’nthatileñ, eo o inneletseñ.


Gone ki akabarioa ki li tu tse, ka ki eletsa go huruga le go na le Keresete, gone mo ki molemo o mogolu bogolu;


Leha gontse yalo go sala mo nameñ, ki molemo go lona bogolu.


GONE ki rata gore lo itse ga tlamelo e kholu e ki lo tlamelelañ ka eona, le bona ba Laodikea, le bona botle ba ba e si ba ke ba bone sehatlogo sa me mo nameñ;


Gore a si tlole a tselela keleco tsa bathu, mi a tselela thato ea Morimo, ka motla oa gague o o setseñ mo nameñ.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan