Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 1:18 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

18 Mi e be e le eñ? e be e le go re, Keresete a reroa ka mekhua eotle, leha e le ka seipato, leha e le ka boamarure; mi ki itumelela mouo; E, ki tla na ki itumela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

18 Mme le fa maikaelelo a bone e ka ne e le eng, boammaaruri ke gore Mafoko a a Molemo kaga Keresete a a rerwa ebile ke a itumela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

18 Mme tseo di ka dirang? Kana Keresete o rerwa ka mokgwa mongwe le mongwe, le fa e le ka boitimokanyo gongwe ka boammaaruri, mme ke sona se ke se itumelelang, e bile ke tla nna ke itumela;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

18 Mme e be e le eng? E be e le go re ka mekgwa yotlhe, le fa e le ka boitimokanyo, le fa e le ka boammaaruri, Keresete o a bolelwa; mme ke itumelela gone moo; ee, ke tlaa nna ke itumela fela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 1:18
13 Iomraidhean Croise  

¶ Go latlega lona, bakuari le Bafarisai, baitimokanyi; gone lo cualela bathu bogosi yoa magorimo; gone lo sa tsene, mi ba ba tsenañ lo sa ba lese go tsena.


Ba ba metsañ matlu a batlolagari, le go riha merapelo e melele, go na seipato; bauo ba tla bona tsekisho e kholu bogolu.


Mi ba si ka ba tlaloganya lehuku ye, mi ya bo le shubiloe go bona, ga tsamaea ba si ka ba le lemoga; mi ba boiha go motsa ga huku ye.


Mi Yesu a mo raea, U si mo itse; gone eo o sa emalaneñ le rona, o na le rona.


Ana eñ? a re molemo bogolu go Bagerika? Nya, ga goa na yalo; gone ga ntla re le ra latuhatsa Bayuda le Bagerika, ha ba le botle mo boleoñ;


Mi eñ? A re tla leoha, gone re si mo taoloñ ea tsegohaco? A go si ne yalo.


Mi yana ki reñ? morimo oa seseto a ki seo señue? khotsa a se se shupelecoeñ merimoñ ea liseto ki seo señue?


Ana se eñ? Ki tla rapela ka moea, mi ki tla rapela le ka tlaloganyo; ki tla opela ka moea, mi ki tla opela le ka tlaloganyo.


Ki gona leha e le ’na, khotsa bona, re rera yalo, mi lo rumetse yalo.


Gone kia itse, ha tse li tla na puluko ea me ka ntla ea thapelo ea lona, le kokeleco ea Moea oa ga Yesu Keresete,


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan