Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 1:15 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

15 Rure bañue ba rera Keresete ka bopelutsetla le khañ; mi bañue le bona ka go rata ga molemo;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

15 Ba bangwe, ee, ba rera Mafoko a a Molemo ka ntlha ya gore ba fufegela tsela e Modimo o ntirisang ka yone. Ba batla go kaiwa e le bareri ba ba senang poifo! Mme ba bangwe ba na le maikaelelo a a phepa,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

15 Le gale, bangwe ba rera Keresete ka lefufa le kgang, ba bangwe bona ka pelo e ntle.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

15 Le gale bangwe boo ba rera Keresete ka bopelotshetlha le kgang; mme bangwe le bone ka pelo e ntle;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 1:15
22 Iomraidhean Croise  

Mi tiho cotle tsa bona, ba li riha gore ba bonoe ki bathu; mi ba atlamisa lifelaketeri tsa bona, mi ba totisa makantsa a liaparo tsa bona,


Mi ye ki lehuku ye, o lo oa le isa go bana ba Yeserela, go rera evangelio ea kagisho ka Yesu Keresete; eo ki Morena oa botle;


Mi gabo gole bañue ba bona banona ba Kupero le Kurene, ba ba tlileñ Antioka, ba bua le Bagerika, ba rera Yesu Morena.


Mi ba si ka ba khutla go ruta le go rera Yesu Keresete mo tempeleñ, le mo matluñ.


Mi Filipo a tumolola molomo oa gague, mi a simolola ka kualo lo, a mo rerela Yesu.


Mi Filipo a ea kua motseñ oa Samaria, a ba rerela Keresete.


Mi a akoha a rera Keresete mo masenagogeñ, ha e le ena Moroa Morimo.


Mi bogale, le bogale yo bogolu, go bona ba ba ratañ khañ, le ba ba sa utlueñ boamarure, mi ba utlua tsiamololo,


Mi rona, re rera Keresete eo o bapocoeñ, ki sekhopisho go Bayuda, le bosilo go Bagerika;


Mi leha ’nko ki aba lilo cotle tsa me go otla bahumanegi, mi leha ’nko ki naea mele oa me go hisioa; mi ha ki sina lorato, ga li na molemo ope go ’na.


Gone Yesu Keresete Moroa Morimo, eo o la a reroa ki rona mo go lona, e boñ ki ’na le Silevano, le Timoteo, a la a si, E, le Nya, mi mo go ena o la a le E hela.


Gone bauo, ki baapostoloi ba kako, bariheri ba tsieco, ba iphetola baapostoloi ba ga Keresete.


Gone kia boiha, gore e si re mogañ ki eañ, ki si kitla ki lo hitlela yaka ki rata, mi ’na ki bonoa ki lona yaka lo ko lo sa rate; gore e si re khotsa ga na likhañ, le lipelutsetla, le magale, le likomano, le litsebo, le go bua tsebeñ, le lipurulogo, le litlapeo;


Gone ga re itherele, mi ki Keresete Yesu Morena; mi le rona, ha re batlañka ba lona, ka ntla ea ga Yesu.


Mi e le le ka ntla ea bakauleñue ba tsieco ba ba ikukuntsitseñ ka bosaitsioeñ, ba ba itsentseñ go tlola tlomamo ea rona e re nañ naeo mo go Keresete Yesu, gore ba re lere mo kholegoñ;


Si riheñ sepe ka khañ, khotsa ka tlotlo ea boithamako; a e ne ka bonolo yoa pelu, a moñue a kaee eo moñue molemo bogolu go ikaea.


Mi ga go pelaelo epe, bosaitsioeñ yoa poihomorimo bo bogolu; Morimo o loa bonatsega mo nameñ, o siamisicoe mo moeeñ, oa bonoa ki baengele, o reriloe mo bahaiteniñ, o rumecoe mo lehatsiñ, o culelecoe mo khalaleloñ.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan