Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 1:10 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

10 Gore lo leke lilo tse ri sa cuaneñ; gore lo ne lo sa pekoa, le go bisa go khopisa, go ea motleñ oa ga Keresete;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

10 Gonne ke batla gore ka nako tsotlhe lo bone sentle pharologanyo fa gare ga molemo le bosula, le gore lo bo lo nne phepa ka fa teng, go se ope yo o ka lo nyatsang go tloga jaanong go fitlhelela Morena wa rona a tla.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

10 le gore lo tlhotlhomise dilo tse di batlegang gore lo nne bopelophepa, lo se kgopise go ya letsatsing la ga Keresete,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

10 gore lo ke lo dumalane le dilo tse di molemo, gore lo ke lo nne peloephepa le botlhoka sekgopi, go ya go fitlha mo motlheng wa ga Keresete;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 1:10
43 Iomraidhean Croise  

A ga a ’nthaea, a re, Khantsarie? le ena mosari a re, Khantsarie; ki rihile yalo ka boitekanelo yoa pelu ea me, le tatogologo ea atla tsa me.


A tsebe ga e leke mahuku? le magalapa a utlue liyo tsa aona?


Gone tsebe e leka mahuku, yaka leganu le leka liyo.


Lona ba lo ilañ molemo, le go rata boshula; lo huma matlalo a bona go bona, le nama ea bona go marapo a bona;


Mi a retologa, a raea Petero, ’Ntloga morago, satana; u sekhopi go ’na; gone ga u khatloe ki lilo tse e leñ tsa Morimo, mi u khatloa ki lilo tsa bathu.


Mi Petero a araba, a mo raea, Leha botle ba tla khocoa ka ntla ea gago, ’na, ga ’nkitla ki khopioa ka gope.


Yesu a bona Natanaele a tla go ena, mi a bua ga gague, Bonañ Moyeserela oa amarure, eo o sinañ tsieco epe!


Gone moñue le moñue eo a leohañ, oa ila leseri, le gona a sa tle mo leseriñ, gore tiho tsa gague li si itsege.


Mi ki itloaetsa mo seoñ se, gore ki ne le segakolori se se sinañ khopo mo Morimoñ, le mo bathuñ.


Si cuaneñ yaka lehatse yenu; mi hetoloañ ki bosha yoa boitlomo yoa lona, gore lo leke thato ea Morimo, e e leñ molemo, le thatego, le botlalo.


A lorato lo ne esiñ ka itimokanyo. Ilañ se se boleo; ñaparelañ se se molemo.


Bakauleñue, yana kia lo rapela, elañ tloko ba ba rihañ likhaoganyo, le likhopisho tse ri ganetsañ le thuto e lo e rutiloeñ; mi ba thibogeleñ.


Mi u itse thata ea ona, le go leka lilo tse ri sa cuaneñ, ka u rutiloe mo molaoñ.


Mi ha ki riha se ki sa se rateñ, yalo kia rumela mo molaoñ ha o le molemo.


Gone ki na le boitumelo mo molaoñ oa Morimo, kaha mothuñ oa teñ.


Ki gona thato ea nama ki go ila Morimo; gone e sa utlue molao oa Morimo; gone e sa kake ea o utlua.


Eo le ena o tla lo tlomamisetsañ bokhutloñ, gore lo si ne molatu mo motleñ oa ga Yesu Keresete Morena oa rona.


Lo si khopise Bayuda le Bagerika, le ekelesia ea Morimo;


Ki gona ha liyo li khopisa mokauleñue oa me, ga ’nkitla ki ya nama ka bosina bokhutlo, gore ki se khopise mokauleñue oa me.


Gone pelahalo ea rona ki e, eboñ cupo ea ligakolori tsa rona, ha tsamao ea rona mo hatsiñ, bogolu mo go lona, e le le mo boñueheleñ yoa pelu; le mo tsiamoñ ea Morimo, esiñ mo botlaleñ yoa nama, mi e le le mo tsegohacoñ ea Morimo.


Gone ga re rihe yaka bantsi, ba ba pekañ huku ya Morimo; mi re bua mo go Keresete ka bosapekoa, yaka ba Morimo, ha pele ga Morimo.


Re sa khopise mo go sepe, gore tihelo e si khaloe;


Ga ki bue se ka taolo, mi ki ka ntla ea itlaganelo ea ba bañue, le go leka bosapekoañ yoa lorato loa lona.


Mi ’na, bakauleñue, ha ki santse ki rera boguera, ki sa bogiserioañ? Yalo khopisho ea mokhoro e nyeletse.


Mi ka re buela rure mo loratoñ, re golele ena mo liloñ cotle, eo e leñ tlogo, eboñ Keresete;


Go leka se se natehelañ Morena.


Gore a e ikemisetse e le ekelesia ea khalalelo, e e sinañ sebata le letsika, leha e le seo se sentseñ yalo; mi gore e itsephe, le go sina molatu.


Tsegohaco e ne le bona botle ba ba ratañ Yesu Keresete Morena oa rona ka lo lo sa pekoañ. Amena.


Bañue ba rera Keresete ka khañ, esiñ ka bosapekoa, ba itloma ba okeletsa kholego tsa me ka lipogisho;


Ka go ikanya seo se, ha eo o simolotseñ tiho e e molemo mo go lona, a tla e ueletsa mo motleñ oa ga Yesu Keresete;


Ka go bela lehuku ya botselo pele; gore ki itumele mo motleñ oa ga Keresete, ha ki le ki sa sianele lehela, khotsa ki riheletse lehela.


Gore a tlomamise pelu tsa lona, go na go sina molatu mo boitsephoñ ha pele ga Morimo, eboñ Rra ecu, mo go tleñ ga Yesu Keresete Morena le bagalaleri ba gague botle.


Lekañ lilo cotle; tsegetsañ se se molemo.


Mi Morimo oa kagisho ka osi, a o lo itsephise gotle; gore matselo aotle a lona, le meoea, le mebele, e bulukoe, ka go sina molatu, mo go tleñ ga Yesu Keresete Morena oa rona.


¶ Mi yana boihañ Yehova, mi lo mo rihele ka itekanelo, le ka boamarure: mi tlosañ merimo e bo‐rra enu ba le ba e rihela kua boseyeñ yoa molapo, le mo Egepeto; mi lo rihele Yehova.


BARATOI, si rumeleñ moea moñue le moñue, mi lo leke meoea ha e le ea Morimo; gone baperofeti ba tsieco bantsi ba ile mo lehatsiñ.


Kia itse tiho tsa gago, le tihelo ea gago, le bopelutelele yoa gago, le kaha u sa kakeñ ua iphapanya le ba boshula, mi u lekile ba ba rileñ, ki bona baapostoloi, le mororo e si bona; mi u ba bonye ba le baaki;


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan