Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




2 Petero 2:3 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 Ba tla lo riha theko ka timano le mahuku a maka; ba, tsekisho ea bona e e ba bopetseñ bogolugolu e sa riegeñ, le ba tsenyego ea bona e sa otseleñ.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

3 Baruti ba, ka ntlha ya bohatlha jwa bone, ba tlaa lo bolelela sengwe fela gore ba tseye madi a lona. Mme Modimo o ba atlhotse bogologolo mme tshenyego ya bone e mo tseleng e a tla.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

3 Ka megagaru ya bone ba tla bapala ka lona ka mafoko a maaka. Mme go tloga bogologolo katlholo ya bone ga e diege, le tatlhego ya bone ga e otsele.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 Mo boiphetlhong jwa bone ba tlaa lo ntsha tlhwatlhwa, ka mafoko a boitimokanyo; ka ba tshekiso e e ntseng e ba sekisitse gale e sa diegeng, le tshenyego ya bone e sa robaleng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




2 Petero 2:3
43 Iomraidhean Croise  

E, lo rigela khutsana mo lotloeñ, mi lo epela tsala ea lona.


Erile tsebe tsa bona li sa ’nkutlua, ba obegela go ’na; baeñ ba ikatisetsa go ’na ka boitimokanyo.


Raeañ Morimo, Tiho tsa gago li boitsega yañ! Baba ba gago ba tla inela mo taoloñ ea gago, ka eintla ea bogolu yoa thata ea gago.


Bairi ba ga Yehova ba ko ba inetse mo taoloñ ea gague; mi motla oa bona o ko o nna ka bosina bokhutlo.


Ba ba reñ, A a itlaganele, a a akotse tiho ea gague gore re e bone: mi a boikaelelo yoa Moitsephi oa Bayeserela bo atamele, bo tle, gore re bo itse!


E, linca tse li legalegelañ liyo, ga li kake tsa khora; barisi le bona, ga ba kake ba tlaloganya: botle ba hapogela mo tseleñ ea bona; moñue le moñue ka tuelo ea gague, ha ntleñ ea gague.


Eo motlana o tla rihega ba thousand, le eo monyenye morahe oa natlahalo: ’na, Yehova, ki tla akotsa seuo mo motleñ oa shona.


Gone ba rata timano botle, go simolola ka eo motlana go ea go eo mogolu oa bona; mi ba tsietsa botle, go simolola ka moperofeti go ea go moperiseti.


Ki gona ki tla naeañ basari ba bona ba sele, le maota a bona ba ba tla a ruañ: gone botle ba botlana le bagolu ba rata timano, moñue le moñue a tsietsa go simolola ka moperofeti go ea kua moperisetiñ.


A lo tla ’ntsepholola mo bathuñ ba me, ka liatla tse ri tletseñ barele le likabetla tsa señkhue, go bolaea meoea e e sa cuanelañ go bolaoa, le go tserisa meoea e e sa cuanelañ go tsela, ka lo aketsa bathu ba me ba ba utluañ maka?


Tlogotlogo tsa bona li siamisa ka litheleseco, le baperiseti ba bona ba rutela tuelo, mi baperofeti ba bona ba rihela mari boitseyoanape: leha gontse yalo ba ikaega Yehova, ba re, A Yehova a ga a mo go rona? boshula ga bo kitla bo re hitlela.


¶ Morimo o la oa coa Temana, le Moitsephi mo thabeñ ea Parana. Sela. Khalalelo ea gague e la ea khurumetsa magorimo, mi lehatse ya tlala pako ea gague.


E mañ eo o mo go lona eo o ka cualelañ meyako lehela? E, ga lo go-tsetse molelo lehela mo aletareñ ea me. Ga ki khatloe ki lona, go bua Yehova oa lintua, le gona cupelo ea atla tsa lona ea liyo ga e ’nnatehele.


Mi go latlega lona, bakuari le Bafarisai, baitimokanyi; gone lo metsa matlu a batlologari, mi lo riha merapelo go na seipato; ki gona lo tla bonañ tsekisho e kholu bogolu.


Kia lo raea, O tla akoha o ba atlolela. Leha gontse yalo mogañ Moroa mothu o tlañ, a o tla bona tumelo mo hatsiñ?


Mi ba mo lepa, mi ba roma batlori ba ba ipaeañ tsiamo, gore ba mo cuare mo thutoñ ea gague, go mo nela mo thateñ le mo taoloñ ea molaori oa motse.


¶ Mi ka a sa bua, bonañ, bontsi, le ena eo o birioañ Yude, moñue oa ba tuelev, a le ha pele ga yona; mi a atamela Yesu go mo atla.


Mi a raea bona ba ba bapatsañ maphui, Tlosañ lilo tse ha; mi si riheñ ntlu ea ga Rre ntlu ea thekelo.


Gone ba bantseñ yalo ga ba rihela Yesu Keresete Morena oa rona, mi ba rihela mpa tsa bona; mi ba timetsa pelu tsa ba ba pelunomi ka puo tse liñtle, le lipakisho.


Gone ga re rihe yaka bantsi, ba ba pekañ huku ya Morimo; mi re bua mo go Keresete ka bosapekoa, yaka ba Morimo, ha pele ga Morimo.


Si haposeñ tsiamisho ea moeñ, le ea khutsana; le esiñ go tsela aparo sa motlolagari pelo:


Pushulosho le khobololo ki tsa me, motleñ o nao tsa bona li relelañ; gone motla oa tatlego ea bona o gauhe, mi lilo tse ri tla ba hitlelañ lia akoha.


Gone ga re e si re ke re bue mahuku a pakisho ka motla ope, yaka lo itse, le esiñ ka seipato sa timano; Morimo ki moshupi;


Gone etlare mogañ ba reñ, Go kagisho, ga go na poitsego; eriha gona tsenyego ea bonako e tla tlañ go bona, yaka pelego e tla mo mosariñ eo o ithueleñ; mi ga ba kitla ba halola.


Esiñ go neloa boyaloeñ, esiñ motlanyi, esiñ matli oa lireko ka tsieco, mi a ne bopelunomi; esiñ oa khañ, esiñ oa timano;


Le gona badiakoni a ba ne bopelunomi, esiñ ka liteme li tu, esiñ go inela boyaloeñ yo bogolu, le esiñ go ipatlela lireko ka tsieco;


Le khañ tsa cokamo tsa bathu ba tlaloganyo tse ri borileñ, tse ri sinañ boamarure, ba ba itlomañ go phutha lohumo, e le poihomorimo; u ithibose mo go ba bantseñ yalo.


Ba melomo ea bona e cuanetseñ go tsiyoa, ba ba thibosañ ba matlu botle, be ruta lilo tse ri sa cuanelañ, ka ntla ea lireko tse ri mashue.


Gone molebalebi a cuanetse go na a sina molatu, yaka motlameri‐ntlu oa Morimo; esiñ moitaori, esiñ go galeha ka bonako, esiñ go neloa boyaloeñ, esiñ motlanyi, esiñ mobatli oa lireko ka tsieco;


Le leincue ya khopisho, le lehika ya khakaco, eboñ go bona ba ba khocoañ ki lehuku, ka ba sa utlue: mo le gona ba go laolecoe.


Hurisañ lecomane ya Morimo ye le mo go lona, go le lebela esiñ ka kholo, mi a e ne ka itloahalo; le esiñ ka ntla ea tuelo e e mashue, a e ne ka pelu eotle;


Gone ga rea ka ra latela litlamane tsa tsieco tse li rihiloeñ, ka re lo itsise thata le go tla ga Yesu Keresete Morena oa rona, mi re le re le balebi ba bonatla yo boiñtle yoa gague.


MI gabo gole le baperofeti ba tsieco mo bathuñ, yaka go tla na baruti ba tsieco le mo go lona, ba ba tla lereñ thuto tse ri senyañ ka go sa itsioeñ, be latola le Morena eo o ba rekileñ, mi ba iteretse tsenyego ea bonako.


Mi Morena oa itse go golola baboihi‐Morimo mo lithaeloñ, le basiamolori go ba bulukela motleñ oa tsekisho go berioa;


Go latlega bona! gone ba ile ka tsela ea ga Kaene, mi ba phomegetse tuelo mo cokamoñ ea ga Balame, mi ba nyelericoe mo khañyeñ ea ga Kore.


Go rihela botle katlolo, le go betsa baikepi botle ba ba mo go bona, ka ntla ea litiho tsa boikepo cotle tse ba li rihileñ ka boikepo yoa bona, le ka ntla ea mahuku a a thata aotle a baleohi ba boikepo ba a buileñ kaga gague.


Ba ki bañoñoregi, le ba ba itokañ popego ea bona, ba ba tsamaeañ kaha likhatlegoñ tsa bona, (mi melomo ea bona e bua lilo tse ri burulecoeñ segolu,) ba tlaola bathu ka go shuluhela thusho.


Gone bathu bañue ba gagabetse mo teñ, ba erileñ pele bo ba laolecoe tsekisho e, baikepi, ba ba hetolañ tsegohaco ea Morimo oa rona boaka, ba latola Morena Morimo osi, le Yesu Keresete Morena oa rona.


Yaka Sodoma le Gomora, le metse e e le le mo lithokoñ tsa eona, ba le ba inela yaka mokhua oa bona khokahaloñ, ba latela nama e sele, ba beecoe pele go na sekao, ba boga peco ea molelo o o sa khutleñ.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan