Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 9:51 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

51 Mme ya re ka lobaka lwa gagwe lwa go boela kwa legodimong lo atamela, a tsamaya ka boiketlo go ya Jerusalema ka maikaelelo a a tlhomameng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

51 E rile malatsi a go tlhatlosiwa ga gagwe a atamela, a ikaelela a tiisitse pelo go ya kwa Jerusalema.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

51 Mi ga rihala, ka motla o tla, o o tla culerioañ gorimo ka ona, a siamisetsa sehatlogo sa gague go ea kua Yerusalema.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

51 Ga dirala e rile motlha o setse o atametse o a tlaa tsholediwang ka one, a lebanyetsa ruri sefatlhogo sa gagwe go ya Jerusalema.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 9:51
29 Iomraidhean Croise  

Erile Morena Jesu a sena go fetsa go bua le bone, a tsholelediwa kwa legodimong a ya go nna ka fa letsogong le legolo la Modimo.


Go na le kolobetso e e maswe kwa pele ga me, mme ke pitlagane thata go tsamaya e diragala!


Hong a tsamaya metse le metsana, a ruta fa a ntse a tsamaela kwa Jerusalema.


E rile ba ntse ba tsweletse mo loetong lwa go ya Jerusalema, ba tsena fa molelwaneng o o fa gare ga Galalea le Samarea,


Hong a phutha ba ba Lesome le Bobedi a ba raya a re, “Jaaka lo itse, re ya Jerusalema. Mme fa re tsena koo dipolelelo-pelo tsa baporofiti ba bogologolo ka ga me di tlaa diragala.


Mme ka gonne Jesu o ne a atamela Jerusalema, a bolela polelo go baakanya mogopolo o o reng Bogosi jwa Modimo bo tlaa simologa gone jaana.


Mme ya re Jesu a sena go bolela polelo e, a ya Jerusalema le barutwa ba gagwe (a ba eteletse pele).


Mme ga diragala ya re a sa ntse a ba segofatsa, a kgaogana nabo, mme a tsholelediwa kwa legodimong.


Ya re ba ntse ba tsamaya mongwe a raya Jesu a re, “Nna ke tlaa go sala morago gongwe le gongwe kwa o yang teng.”


Jesu o ne a itse mo maitseboeng a tsatsi la Tlolaganyo gore ke bosigo jwa gagwe jwa bofelo mo lefatsheng pele ga a boela kwa go Rraagwe. Erile go jewa dijo tsa maitseboa Diabolo a bo a setse a feditse mogopolo wa ga Judase Isekariota, morwa Simone, gore jo ke bosigo jwa gore a dirise leano la gagwe la go oka Jesu. Jesu o ne a itse gore Rara o mo neetse sengwe le sengwe le gore o ne a tswa kwa Modimong le gore o tlaa boela kwa Modimong. Le ka fa a neng a rata barutwa ba gagwe ka teng!


Ee, ke tsile ke tswa kwa go Rara fa ke tla mo lefatsheng, mme ke tlaa tswa mo lefatsheng ke boela kwa go Rara.”


“Mme jaanong ke a tsamaya ke boela kwa go yo o nthomileng; mme go bonala fa e le gore ga go na ope wa lona yo o nang le kgatlhego mo lebakeng la go tsamaya ga me; le fa e le ope ga a hakgamale.


Jaanong ke tloga mo lefatsheng, mme ke ba tlogela kwa morago, ke tla kwa go wena. Rara yo o Boitshepo, ba babalele, botlhe ba o ba nneileng, gore ba nne selo se le sengwe fela jaaka re ntse, go sa latlhega ope.


Mme lo tlaa akanya eng fa lo mpona, Morwa Motho, ke boela kwa legodimong gape?


Mme erile a sena go bua mafoko a, a tlhatlhogela kwa legodimong a nyelela mo lerung, a ba tlogela ba mo lebile ka kakabalo.


e e tsositseng Keresete mo baswing ya mmaya mo lefelong la tlotlo ka fa lebogong le legolo la Modimo mo legodimong,


Ke gagamaletse go fitlha kwa bokhutlong jwa lobelo le go amogela sekgele se Modimo o se re biletsang kwa legodimong ka ntlha ya se Jesu Keresete a se re diretseng.


Go boammaaruri tota gore go tshelela Modimo ga go motlhofo. Mme karabo e mo go Keresete, yo o tsileng mo lefatsheng a le mo setshwanong sa motho, yo o supegileng a sena selabe a bile a itshekile mo Moweng wa gagwe, yo o diretsweng ke baengele, a rerwa mo dichabeng, a amogelwa ke batho gongwe le gongwe mme a amogelwa gape mo kgalalelong ya gagwe kwa legodimong.


Tlhomang matlho a lona mo go Jesu, moeteledipele le moruti wa rona. O ne a ineela go swa loso lo lo tlhabisang ditlhong mo mokgorong ka ntlha ya boitumelo jo a neng a itse fa bo mo letetse kwa morago; mme jaanong o nna mo lefelong la tlotlo gaufi le setilo sa bogosi sa Modimo.


kwa Keresete a tsamaetseng kwa pele teng go re rapelela a le mo maemong a gagwe e le Moperesiti wa rona, a le mo tlotlong le mo maemong a a lekanang le a ga Melekisedeke.


Mme jaanong Keresete o kwa legodimong, o ntse mo felong ga tlotlego go bapa le Modimo Rara, baengele botlhe le dinonofo di a mo obamela, di a mo utlwa.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan