Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 9:44 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

44 “Ntheetsang lo bo lo gakologelwe se ke se buang. Nna, Morwa Motho, ke tlaa okwa.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

44 “Tsenyang mafoko a mo ditsebeng tsa lona: Morwa-Motho o tla neelwa mo diatleng tsa batho.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

44 A mahuku a, a noele mo tsebeñ tsa lona; gone Moroa mothu o tla neloa mo atleñ tsa bathu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

44 “A mafoko a, a tsenelele mo ditsebeng tsa lona; gonne Morwa Motho o tlaa neelwa mo diatleng tsa batho.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 9:44
26 Iomraidhean Croise  

Go tswa foo Jesu a simolola go tlhalosetsa barutwa ba gagwe kaga go ya kwa Jerusalema, le se se tlaa mo diragalelang teng, gore o tlaa boga mo diatleng tsa baeteledipele ba Sejuta, le gore o tla bolawa le gore e tlaa re morago ga malatsi a le mararo a tsosiwe gape.


“Jaaka lo itse, gore modiro wa Tlolaganyo o simologa mo malatsing a mabedi a a tlang, ke tlaa okwa ke be ke bapolwa.”


A simolola go ba bolelela ka matshwenyego a a boitshegang a o tlaa a bogang le gore o tlaa ganwa ke baeteledipele le bagolwane ba baperesiti le bangwe baeteledipele ba Sejuta, le gore o tlaa bolawa, mme morago ga malatsi a le mararo o tlaa tsoga gape.


Mme batho botlhe ba ba utlwileng kaga gone, ba akanya ka boleele ba ipotsa ba re, “Re a gakgamala gore ngwana yo o tsile go nna eng? Gonne letsogo la Morena ruri le mo okame ka mokgwa mongwe wa botlhokwa.”


Hong a phutha ba ba Lesome le Bobedi a ba raya a re, “Jaaka lo itse, re ya Jerusalema. Mme fa re tsena koo dipolelelo-pelo tsa baporofiti ba bogologolo ka ga me di tlaa diragala.


Mme Marea a baya dilo tse mo pelong ya gagwe ka tidimalo mme a akanya kaga tsone gantsi.


Hong a boela kwa Nasaretha le bone a ba utlwa; mme mmaagwe a boloka dilo tse tsotlhe mo pelong ya gagwe.


Mme a ba raya a re, “Mafoko a, ke ona a ke kileng ka a bua le lona ke santse ke na le lona fa dilo tsotlhe di na le go diragala, ebong tse di kwadilweng mo molaong wa ga Moshe, le mo baporofiting le mo dipesalemeng, kaga me.”


A re, “Gonne ke tlaa sotlega thata, e bile ke tlaa ganwa ke baeteledipele ba Sejuta, bagolwane, baperesiti ba bagolo le bomaitseanape ba molao, ke tlaa bolawa mme morago ga malatsi a mararo ke tlaa rula!”


Mme Jesu a ba raya a re, “A jaanong lo dumela se ke se buang?


Ee, ke lo bolelela dilo tse gompieno gore e tle e re di diragala lo tlo lo gakologelwe gore ke lo tlhagisitse. Ga ke ise ke ko ke lo bolelele le fa e le sepe gonne ke ne ke tsile go nna le lona ka lobaka lo lo leejana.


Mme Jesu a re, “O ka bo o sena nonofo epe gotlhelele mo go nna fa o ne o sa e newa e tswa kwa godimo. Mme ba ba ntlisitseng kwa go wena ba na le sebe se segolo.”


Mme Modimo o setse morago leano la one le o saleng o le dira bogologolo, a lo letla gore lo dirise puso ya Roma gore lo mmapole mo mokgorong lo mmolaye.


Jalo re tshwanetse go reetsa sentle thata boammaaruri jo re bo utlwileng, e seng jalo re ka tloga ra tswa mo go jone.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan