Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 9:18 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

18 Ka letsatsi lengwe fa a le esi, a rapela le barutwa ba gagwe, a tla kwa go bone a ba botsa a re, “Batho ba re ke mang?”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

18 Ya re a rapela a le esi, barutwa ba bo ba na nae. Jaanong a ba botsa a re: “Batho ba re, nna ke mang?”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

18 ¶ Mi ga rihala ka a rapela a le esi, barutoa ba tla mogo go ena; mi a ba botsa, a re, Bontsintsi yoa re, ki mañ?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

18 Ga dirala ya re a rapela a le esi, barutwa ba gagwe ba bo ba na nae; mme a ba botsa a re: “Batho ba tle ba re nna ke mang?”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 9:18
11 Iomraidhean Croise  

Mme ya re ka nako nngwe fa Jesu a ile go rapela, mongwe wa barutwa ba gagwe a tla mo go ene fa a fetsa a re, “Morena re rute thapelo jaaka Johane a rutile barutwa ba gagwe.”


Hong Jesu a ba lere fa moseleng wa tshimo ya Gethesemane, mme a ba raya a re ba nne fa fatshe mme ba lete foo a sa ntse a tsamaela fa pele go ya go rapela.


Morago ga moo a tlhatloga dithaba go ya go rapela. Bosigo jwa tla, mme kwa lecheng barutwa ba ne ba le mo matshwenyegong. Gonne phefo e ne e tsogile ba tshwere bothata mo mawatleng a a sa sisibalang.


Erile ka letsatsi lengwe Jesu ka boene a tlhakana le boidiidi jwa batho ba ba neng ba kolobediwa ke Johane. Mme e rile fa a sena go kolobediwa, a rapela, mme magodimo a bulega,


Ka letsatsi lengwe Jesu a tswela mo dithabeng go ya go rapela, bosigo jotlhe.


Ba mo raya ba re, “Johane wa Mokolobetsi, kgotsa gongwe Elija kgotsa mongwe wa baporofiti ba bogologolo a tsogile mo losong.”


Morago ga malatsi a le lesome le bofera bobedi Jesu a tsaya Petere, Jakoba le Johane go ya go rapela kwa dithabeng.


Mme ya re a ntse a rapela, sefatlhogo sa gagwe sa simolola go phatsima le diaparo tsa gagwe tsa sweufala tsa lakasela.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan