Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 9:16 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

16 Mme Jesu a tsaya dinkgwe tse tlhano le ditlhapi tse pedi a leba kwa godimo mo loaping a leboga; mme a ngathoganyetsa barutwa ba gagwe go di abela batho.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

16 Jaanong a tsaya dinkgwe tse tlhano le ditlhapi tse pedi, a lelala legodimong, a di lebogela, a di nathoganya, a ba a di neela barutwa go di baya batho pele.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

16 Mi ka a cula liñkhue li faev, le tlapi li tu, a lelala gorimo, a li tsegohatsa, a li roba: mi a li naea barutoa, go li baea ha pele ga bontsi.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

16 Mme a tsaya dinkgwe tse tlhano, le ditlhapi tse pedi, a lelalela legodimong a di segofatsa, a di ngathoganya, a di neela barutwa go di baya fa pele ga batho.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 9:16
16 Iomraidhean Croise  

Hong a raya batho a re ba nne fa fatshe mo bojannyeng mme a tsaya dinkgwe tse tlhano le ditlhapi tse pedi, a leba kwa godimo mo loaping a kopela dijo tshegofatso ya Modimo, hong a ngathoganya dinkgwe a di neela barutwa ba gagwe go di abela batho.


mme Jesu a tsaya dinkgwe tse di supang le ditlhapi, a di lebogela, a di ngathoganya, a di neela barutwa ba gagwe gore ba di neele batho.


Hong a leba kwa legodimong, a fegelwa mme a laola gore a “Kabologe!”


Mme a tsaya senkgwe; mme a se lebogela, a se ngathoganya a se ba naya a re, “Se ke mmele wa me, o lo o neetsweng. O jeng e le segopotso sa me.”


Mme ya re ba nna fa fatshe ba a ja, a kopela dijo tshegofatso mo Modimong mme a tsaya senkgwe se sennye a se ngathoganya a se ba naya,


Mme mongwe le mongwe a ja a kgora; mme ga sala diroto di le lesome le bobedi di tletse masalela!


Hong Jesu a tsaya dinkgwe, a di lebogela, a di naya batho. Morago ga moo a dira fela jalo ka ditlhapi. Mme mongwe le mongwe a ja a kgora!


Mme a tsaya senkgwenyana se se omisitsweng a leboga Modimo fa pele ga bone botlhe, mme a ja.


Fa o na le malatsi a a tlhophegileng a go obamela Morena, o leka go mo tlotla; o dira selo se se molemo. Le motho yo o jang nama e e tlhabetsweng medimo ya disetwa o ntse fela jalo; o leboga Morena ka yone; le ene o dira sentle. Mme le motho yo o sa batleng go ama nama eo, le ene o gakaletse go itumedisa Morena gape o a leboga.


Fa ke ka leboga Modimo ka dijo mme ke di itumelela ke eng fa mongwe a ka letlelelwa go senya sengwe le sengwe fela ka gore o akanya gore ga se a siama?


mme ya re a sena go se lebogela mo Modimong, a se ngathoganya a se neela barutwa ba gagwe a re, “Tsayang se lo je. Se ke mmele wa me, o ke lo o nayang. Dirang se gore lo nkgakologelwe”.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan