Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 9:11 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

11 Mme bontsintsi jwa batho jwa bona kwa o yang gone, mme ba mo sala morago. A ba amogela a ba ruta gape kaga Bogosi jwa Modimo a ba a fodisa ba ba neng ba lwala.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

11 Ya re batho ba lemoga, ba mo latela. A ba tshola, a bua nabo ka ga puso ya Modimo, a fodisa ba ba tlhokang phodiso.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

11 Mi ka bontsintsi bo sina itse, yoa mo latela; mi a bo cula, mi a bua nayo ga pusho ea Morimo, mi a horisa ba ba tlokañ phorisho.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

11 Ya re batho ba bantsi ba sena go lemoga ba mo latela; a ba tshola a bua nabo ka ga bogosi jwa Modimo, a fodisa ba ba tlhokang phodiso.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 9:11
21 Iomraidhean Croise  

Mme a itse leano le ba neng ba le loga, mme a tswa mo ntlung ya thuto a setswe morago ke bontsi. A fodisa botlhe ba ba lwalang mo go bone,


Hong ya re Jesu a tswa mo nageng, bontsintsi jo bogolo jwa batho jwa bo bo mo letile mme a ba tlhomogela pelo a ba a fodisa balwetse.


Ke ofe mo go ba babedi yo o neng a dira go rata ga ga rraagwe?” Ba fetola ba re, “Ke wa ntlha.” Hong Jesu a tlhalosa se a se rayang a re: “Ammaaruri batho ba ba bosula le basadi ba diaka ba tlaa lo raka mo Bogosing.


“Se ke se rayang ke gore Bogosi jwa Modimo bo tlaa tsewa mo go lona bo neelwe chaba e e tlaa neelang Modimo seabe sa one sa thobo ya maungo.


O kgorisitse dipelo tse di bolailweng ke tlala mme o busitse bahumi ba sa tsaya sepe.


Mme Jesu a ba araba a re, “Ke molwetse yo o tlhokang ngaka eseng ba ba itekanetseng,


Mme ka bofefo morago ga moo a etela metse le metsana ya Galalea go bolela go tla ga Bogosi jwa Modimo, mme a tsamaya le barutwa ba gagwe ba ba lesome le bobedi.


Mme a fetola a re, “Modimo o lo letleletse go itse tlhaloso ya ditshwantsho tse, gonne di bolela tiro e kgolo ya Bogosi jwa Modimo. Mme bontsintsi jo jwa batho bo utlwa mafoko mme ga ba tlhaloganye, fela jaaka baporofiti ba boletse.


Mme ya re Baapostoloi ba sena go boela kwa go Jesu go ya go bolela se ba se dirileng, a ngwangwaela ka tidimalo le bone go ya kwa motsing wa Bethesaida.


Mo tshokologong barutwa botlhe ba ba lesome le bobedi ba tla ba mo kopa gore a phatlalaletse batho kwa metsaneng le masimo a a gautshwane go ya go batla dijo le marobalo. Ba re, “Gonne ga go na se se jewang fa mo sekakeng se.”


Hong a ba roma go ya go bolelela mongwe le mongwe kaga go tla ga Bogosi jwa Modimo le go fodisa balwetse.


Mme Jesu a ba tlhalosetsa jaana a re: “Dikotla tsa me di mo go direng go rata ga Modimo o o nthomileng, le mo go fetseng tiro ya One.


Mme bangwe ba Rara a ba nneileng ba tlaa tla kwa go nna mme ga nkitla ke ba gana.


a ba bolelela ka bopelokgale jotlhe kaga Bogosi jwa Modimo le kaga Morena Jesu Keresete; mme ga seka ga nna le ope yo o lekang go mo didimatsa.


Mme ba tlaa mo kopa jang go ba boloka fa ba sa dumele mo go ene? Le gone ba ka dumela jang mo go ene fa ba ise ba ke ba bo ba utlwalele kaga gagwe? Gape ba ka utlwa jang kaga gagwe fa go sena ope yo o ba bolelelang?


Mme le fa go ntse jalo tumelo e tla ka go reetsa Mafoko a a Molemo a, Mafoko a a Molemo kaga Keresete.


Keresete ga a ise a ke a iitumedise. Jaaka Mopesalema a rile, “O tletse one maikaelelo a go bogisiwa ke matlhapa a ba ba kgatlhanong le Morena.”


go rera Lefoko la Modimo ka tlhwaafalo ka nako tsotlhe, go le lobaka le go se lobaka, fa go siame le go sa siama. Siamisa o bo o kgalemele batho ba gago fa ba tlhoka kgalemelo, ba kgothatse go dira tshiamo, mme ka nako tsotlhe o ba otla ka Lefoko la Modimo ka bopelotelele.


Jalo a re tleng kwa setilong sa bogosi jwa Modimo ka bopelokgale re bo re nne teng koo go amogela kutlwelo botlhoko ya One le go nna le tshegofatso go re thusa mo dinakong tsa rona tsa botlhoki.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan