Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 9:1 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

1 Mme ya re ka letsatsi lengwe Jesu a phutha baaposetoloi ba gagwe ba ba lesome le bobedi! A ba naya taolo mo meweng e e bosula, a ba naya nonofo go e kgoromeletsa ntle go fodisa malwetse otlhe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

1 Jaanong Jesu a bitsa barutwa ba ba 12 mmogo, a ba naya nonofo le thata ya go leleka medemone yotlhe, le go fodisa malwetse.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 MI ka a sina biletsa barutoa ba gague ba tuelev mogo, a ba naea thata le taolo mo bademoneñ botle, le go horisa maloetse.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 A phutha ba ba 12, a ba naya thata le taolo go laola mewa e e maswe yotlhe, le go fodisa malwetse.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 9:1
15 Iomraidhean Croise  

Mme ke tlaa go neela dilotlolo tsa bogosi jwa legodimo, dikgoro dingwe le dingwe tse o di lotlelang mo lefatshing, di tla lotlelwa kwa legodimong; mme dikgoro dingwe le dingwe tse o di lotlololang mo lefatsheng, di tlaa lotlololwa kwa legodimong!”


Pego ya dikgakgamatso tsa gagwe ya anama go feta melelwane ya Galalea mo e leng gore batho ba ba neng ba lwalela kgakala kwa Siria, ba ne ba tla kwa go ene go fodisiwa. A e ka ne e ne e le bolwetse bofe le setlhabi, kgotsa ba tsenywe ke badimo, kgotsa botsenwa, kgotsa teteselo, o ne a ba fodisa.


Hong Morena a tlhopha barutwa ba le masome a supa mme a ba roma ka bobedi ka bobedi mo metseng le metsana e o neng a laotse go e etela.


Mme ke lo neetse taolo mo nonofong yotlhe ya Mmaba le go tsamaya mo gare ga dinoga le diphepheng le go di gataka. Mme ga go na sepe se se tlaa lo utlwisang botlhoko!


“Ka boammaaruri jo bo feletseng ke lo bolelela gore, le fa e le mang yo o dumelang mo go nna o tlaa dira dikgakgamatso tse ke di dirileng, gonne ke ya go nna le Rara. Lo ka mo kopa sengwe le sengwe lo dirisa leina la me, mme ke tlaa se dira, gonne mo go tlaa lere kgalaletso kwa go Rara ka ntlha ya se nna, Morwa, ke tlaa se lo direlang.


Mme fa Mowa O O Boitshepo o sena go tla mo go lona, lo tlaa amogela nonofo ya go rera ka bothakga jo bogolo mo bathong ba Jerusalema le mo Judea yotlhe le mo Samarea, le kwa dikhutlong tsa lefatshe ka ga loso le tsogo ya me.”


Leina la ga Jesu le fodisitse monna yo, mme lo itse gore o ne a le segole jang pele. Go fola mo go itekanetseng mo go dirilwe ke go dumela mo leineng la ga Jesu le tumelo e re e neilweng ke Modimo.


o bo o romele nonofo ya gago ya phodiso, le dikgakgamatso di le dintsi le ditshupo di dirwe ka leina la motlhanka wa gago yo o itshepileng Jesu.”


Mme Petere a mo raya a re, “Aenease! Jesu Keresete o go fodisitse! Tsoga o baakanye bolao jwa gago.” Mme erile fela gone foo a fodisiwa.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan