Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 8:8 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

8 E nngwe ya wela mo mmung o o molemo; peo e ya gola ya ungwa thobo ya selekanyo sa lekgolo go menagane go gaisa ka fa a neng a jetse ka teng.” (Ya re a a fa setshwantsho se a re, “Yo o nang le ditsebe a a utlwe.”)

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

8 Tse dingwe tsa wela mo mmung o o siameng, tsa mela, tsa ba tsa ungwa ga lekgolo.” Ya re a sena go bua dilo tse, a tlhatlosa lentswe a re: “Yo o nang le ditsebe go utlwa, a a utlwe!”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

8 Mi tse riñue tsa oela mo mbuñ o o molemo, mi tsa gola, mi tsa uñua louñuo loa hundereda. Mi ka a sina bua lilo tseuo, a bitsa, Eo o nañ le litsebe go utlua, a a utlue.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

8 Tse dingwe tsa wela mo mmung o o molemo, tsa gola, tsa ungwa loungo lwa nna lekgolo.” Ya re a bua dilo tse, a goa a re: “Yo o nang le ditsebe go utlwa a a utlwe!”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 8:8
25 Iomraidhean Croise  

“Fa e le gore lo kile lwa rata go reetsa, reetsang jaanong.


Mmu o o siameng o raya pelo ya motho yo o reetsang molaetsa a ba a o tlhaloganya a tswela kwa ntle a ya go lere ba bangwe ba le masome mararo, masome marataro kgotsa lekgolo mo Bogosing.”


“Mme mmu o o molemo o tshwantshiwa le dipelo tsa batho ba ba amogelang molaetsa wa Modimo ka boammaaruri, mme ba ungwele Modimo thobo e ntsi thata, ba ungwe ga masome a mararo le ga masome a le marataro le ga lekgolo tota go gaisa jaaka go jetswe mo dipelong tsa bone.”


Fa lo na le ditsebe, reetsang!


“Mme tse dingwe tsa wela mo mmung o o molemo, tsa ungwa ga masome a mararo tsa ata go fetisa jaaka a ne a jetse, dingwe tsa tsone tsa ungwa ga masome a marataro kgotsa lekgolo.


Letswai le le senang molodi ga le na tiro le fa e le go nna monontshane. Ga le na tiro mme le tshwanetse go latlhelwa kwa ntle. Reetsang sentle, fa lo batla go tlhaloganya phuthololo ya me.”


“Mme mmu o o molemo o tshwantshiwa le batho ba ba ikanyegang ba ba pelo di siameng. Ba reetsa mafoko a Modimo ba a tshegetse mme ba a anamise ka bonya mo go ba bangwe.”


Peo e nngwe ya wela mo gare ga masitlwana, mme medi e mennye ya akofa ya hupela.


Ke Modimo ka bo one o o re dirileng se re leng sone wa bo wa re naya matshelo a masha a a tswang kwa go Keresete Jesu; mme mo dingwageng tse dintsi tse di fetileng o ne wa loga leano la gore re tshwanetse go dirisa matshelo go thusa ba bangwe.


le go kopa gore tsela e lo tshelang ka yone e itumedise Morena ka metlha yotlhe lo bo lo mo tlotle, gore lo age lo dira, dilo tse di molemo mo go ba bangwe, lo ntse lo tswelela go ithuta go itse Modimo botoka.


A mongwe yo o nang le ditsebe, a reetse ka kelotlhoko.


A mongwe le mongwe yo o utlwang, a reetse se Mowa o se buang le diphuthego: yo o fenyang ga a kitla a tlhokofadiwa ke loso lwa bobedi.


“A molaetsa o o thothomele mo ditsebeng tsa mongwe le mongwe yo o utlwang se Mowa o se buang le diphuthego: mongwe le mongwe yo o fenyang, ke tlaa mo naya loungo lo lo tswang mo setlharing sa Botshelo mo Paradaiseng ya Modimo.


“A botlhe ba ba utlwang, ba reetse se Mowa o se buang le diphuthego.”


“A botlhe ba ba utlwang, ba reetse se Mowa o se buang le diphuthego.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan