Luke 8:42 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha42 gonne ngwana wa gagwe yo o esi o ne a swa, morweetsana wa dingwaga tse di lesome le bobedi. Mme Jesu a tsamaya nae, ba sutlhelela ka bothata mo gare ga batho. Faic an caibideilSetswana 197042 gonne o ne a na le ngwana wa mosetsana yo o esi, yo o ka neng a le dinyaga di le 12, yo o neng a le gaufi le go swa. Ya re a tsamaya, bontsi jwa batho jwa mo pitlaganya. Faic an caibideilBibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)42 Gone a na le moroarie eo esi, a kane a le linyaga li tuelev, mi a letse loa go shua. Mi ka a ea, bontsintsi yoa mo pitlaganya. Faic an caibideilBAEBELE e e Boitshepo42 ka a ne a na le ngwana wa mosetsana yo o esi, yo o ka neng a le dinyaga di le 12; mme a bo a le mo pitlaganong ya loso. Ya re a tsamaya batho ba mo kgotlhaganyetsa. Faic an caibideil |
Ya re ba ntse ba tsamaya mosadi yo o neng a batla phodiso a tla kwa morago a ama Jesu, gonne o ne a dutlile madi ka bonya selekanyo sa dingwaga di le lesome le bobedi, mme a sa bone kalafi (ntswa a sentse sengwe le sengwe se a neng a na naso mo dingakeng), mme nako e o neng a ama ntlha ya seaparo sa ga Jesu, madi a ema.