Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 8:41 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

41 Mme jaanong monna yo o neng a bidiwa Jairo, moeteledipele wa ntlo ya thuto ya Sejuta, a tla a wela fa dinaong tsa ga Jesu a mo kopa gore a ye nae kwa ga gagwe,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

41 Mme bonang, ga tla monna yo leina la gagwe e leng Jairo, e le tlhogo ya senagoge. Yoo a wela fa dinaong tsa ga Jesu, a mo rapela gore a tsene mo ntlong ya gagwe;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

41 ¶ Mi, bonañ, ga tla monona eo o birioañ Yario, ea bo e le molaori oa senagoge; mi a oela ha naoñ tsa ga Yesu, mi a mo rapela gore a ee kua tluñ ea gague;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

41 Mme bonang, ga tla monna mongwe yo o bidiwang Jairo, ya bo e le molaodi mongwe wa ntlo ya thuto; a wela fa fatshe fa dinaong tsa ga Jesu, a mo rapela gore a ye go tsena mo ntlong ya gagwe;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 8:41
15 Iomraidhean Croise  

Mme motlhokomedi wa ntlo ya thuto ya Sejuta a gakala thata ka gonne Jesu o ne a fodisitse mosadi yoo ka letsatsi la Sabata. A goa a raya batho a re, “Go na le malatsi a le marataro mo bekeng a go dirwang ka one, ao ke one malatsi a go ka fodisiwang ka one eseng go le Sabata!”


A wela fa fatshe fa pele ga dinao tsa ga Jesu, a lebile fa fatshe mo loroleng a lebogela se a se dirileng. Monna yo e ne e le Mosamarea yo o nyatsegileng.


Erile Simone Petere a lemoga se se diragetseng a itigela ka mangole fa pele ga ga Jesu mme a re, “Ao, Morena, tswee-tswee, re tlogele ke moleofi yo mogolo go ka nna le wena.”


gonne ngwana wa gagwe yo o esi o ne a swa, morweetsana wa dingwaga tse di lesome le bobedi. Mme Jesu a tsamaya nae, ba sutlhelela ka bothata mo gare ga batho.


E rile a sa ntse a bua le ene, morongwa a goroga a tswa kwa lapeng la ga Jairo ka mafoko a a reng ngwanyana o sule. A raya rraagwe ngwana a re, “O sule, ga go thuse go tshwenya Moruti jaanong.”


Maratha a raya Jesu a re, “Morena, fa o ka bo o ne o le fano kgaitsadiake o ka bo a sa swa.


Mme morago ga go balwa mo go tlwaelesegileng ga Dikwalo tsa ga Moshe le tsa Baporofiti, bagolwane ba ntlo ya thuto ba ba romelela molaetsa o: “Bakaulengwe, fa lo na le lefoko la tao mo go rona, tlang lo le bue!”


Mme batho ba tshwara Sosethenese, moeteledipele yo mosha wa tempele, mme ba mo iteela kwa ntle ga ntlo ya tshekelo! Mme Galeo ene o ne a sena sepe.


Mme le fa go ntse jalo, Kerisepo, moeteledipele wa senagoge, le botlhe ba ntlo ya gagwe ba ne ba dumela mo Moreneng mme ba kolobediwa le Bakorintha ba le bantsi ba ba mo utlwileng ba dumela ba bo ba kolobediwa.


Mme erile fa ba utlwa fa Petere a le gaufi mo Lida, ba roma banna ba le babedi go kopa go boela le bone kwa Jopa.


Mme ya re a tsaya lokwalo, bagolwane ba ba masome a mabedi le bone ba obama fa pele ga Kwana, mongwe le mongwe ka harepa le ka mabotlolo a gauta a tletse maswalo, dithapelo tsa batho ba Modimo!


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan