Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 8:22 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

22 Ka letsatsi lengwe mo lobakeng loo, fa ene le barutwa ba gagwe ba le kwa ntle mo mokorong, a ntsha mogopolo wa gore ba kgabaganyetse ka kwa ntlheng e nngwe ya lecha.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

22 Ka lengwe la malatsi ao a palama mokoro le barutwa ba gagwe, a ba raya a re: “A re tsheleleng kwa moseja ga letsha.” Mme ba bolola.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

22 ¶ Mi ga rihala ka tsatsi leñue, a tsena mo shepeñ le barutoa ba gague: mi a ba raea, A re eeñ kua moseya oa letsa; mi ba coelela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

22 Jaana ga dirala ya re ka letsatsi lengwe la malatsi ao, a tsena mo mokorong a na le barutwa ba gagwe, a ba raya a re: “A re tsheleleng kwa moseja ga bodiba.” Ba bolola ka mokoro.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 8:22
12 Iomraidhean Croise  

Ka bofefo morago ga moo, Jesu a raya barutwa ba gagwe a re ba tsene mo mokorong go kgabaganyetsa ntlheng e nngwe ya lecha fa a sa ntse a phatlalaletsa batho kwa gae.


Fa Jesu a lemoga ka fa bontsintsi jwa batho bo neng bo gola ka teng, o na a laela barutwa ba gagwe gore ba ipaakanyetse go kgabaganyetsa ntlheng e nngwe ya lecha.


Mme e rile fa Jesu a sena go kgabaganyetsa ka kwa ntlhenge nngwe ya lecha ka mokoro, batho ba le bantsi ba phuthaganela kwa go ene fa lotshitshing.


Mme ka bonako morago ga moo Jesu a laola barutwa ba gagwe gore ba boele mo mokorong ba kgabaganye lecha ba ye Bethesaida, kwa o neng a tlaa kopana le bone teng morago. Fa Ene a ne a sa ntse a saletse go sadisa batho sentle gore ba boele gae.


Hong a boela mo mokorong a ba tlogela, a tshelela ka kwa ntlheng e nngwe ya lecha.


Mme ya re ka letsatsi lengwe a rera mo lotshitshing lwa lecha la Genesareta, bontsintsi jo bogolo jwa batho jwa kokoanela mo go ene go reetsa Lefoko la Modimo.


Mme ya re ba kgabaganya a rapama a thulamela, mme ya re a sa ntse a robetse ga tsoga matsubutsubu a phefo a a boitshegang a leka go kgaphela mokoro mo lewatleng. Mme ba ne ba le mo diphatseng tse di kgolo.


Mme ya tswa mo monneng ya tsena mo dikolobeng, mme ka bonako serapa sotlhe sa kgokologa thaba sa wela mo teng ga lecha kwa tlase, mo di neng tsa nwela teng tsotlhe.


Morago ga mo, Jesu a kgabaganya Lewatle la Galalea, le le itsegeng gape ka leina la Tiberia.


Mme re ne ra tsamaya ka sekepe se se neng se ya kwa Gerika, se se neng se rulaganyeditswe go ema gantsinyana mo mafelong a sekae mo lotshitshing lwa lewatle la Asia. Ke tshwanetse go bolela gore Arisetareka wa Mogerika yo o neng a tswa kwa Thesalonika o ne a na le rona.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan