Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 8:21 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

21 a re, “Mme le bonnake ke botlhe ba ba utlwang molaetsa wa Modimo ba bo ba o tshegetsa.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

21 A ba fetola a re: “Mmê le bonnake ke bone ba ba utlwang Lefoko la Modimo, ba le dirisa.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

21 Mi a araba, a ba raea, Mme le bonnake ki bona ba ba utluañ lehuku ya Morimo, ba le riha.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

21 A ba fetola a re: “Mme le bonnake ke ba ba utlwang lefoko la Modimo, mme ba le dira.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 8:21
19 Iomraidhean Croise  

Mme erile a sa bua jalo, leru le le sedifetseng la tla fa godimo ga bone, mme lentswe le le tswang mo lerung la re, “Yo ke morwaake yo o rategang, mme ke itumela thata mo go ene. Mo utlweng.”


“Mme nna Kgosi, ke tlaa lo raya ke re, ‘E rile fa lo go direla’ bakaulengwe ba, lwa bo lo go ntirela!


“Mme ke tlaa araba ke re, ‘E rile fa lo gana go direla bakaulengwe ba ba botlana ba, lo no lo gana go direla nna.’


Mme Jesu a ba raya a re, “Se boifeng! Yang go raya bana ba ga Rre lo re ba itlhaganelele kwa Galalea go nkgatlhantsha teng.”


“Mme mmu o o molemo o tshwantshiwa le batho ba ba ikanyegang ba ba pelo di siameng. Ba reetsa mafoko a Modimo ba a tshegetse mme ba a anamise ka bonya mo go ba bangwe.”


E rile Jesu a utlwa fa ba eme kwa ntle ba batla go mmona,


Lo itse dilo tse, jaanong di direng! Ke yone tsela ya matlhogonolo.


A mo tlhagisa a re, “Se nkame, gonne ga ke ise ke tlhatlogele kwa go Rara. Mme tsamaya o ye go senka bana ba ga Rre o ba bolelele gore ke tlhatlogela kwa go Rara le Rraa lona, Modimo wa me le Modimo wa lona.”


Jalo lesang go sekaseka Bakeresete ka se lefatshe le se akanyang kaga bone kgotsa ka fa ba bonalang ba ntse ka teng ka fa ntle. Ke kile ka fosa ka go akanyetsa Keresete ka mokgwa oo, e le motho fela jaaka nna. Ke ikutlwa ke fetogile jang jaanong.


Ke tlaa nna Rraalona, le lona lo tlaa nna bomorwaake le bo-morwadiake.”


Gape gakologelwang gore molaetsa o, o tshwanetse go obamelwa, eseng go reediwa fela. Ke gone se itsietseng.


E re ka re itse gore Modimo o siame ka malatsi otlhe o bile o dira fela se se siameng, re ka tseela fela gore botlhe ba ba dirang tshiamo ke bana ba One.


Tsala e e rategang, o seka wa letla sekao se se maswe se go go tlhotlheletsa. Sala morago fela se se molemo. Gakologelwa gore ba ba dirang tshiamo ba supa gore ke bana ba Modimo; mme ba ba tswelelang ba dira bosula ba supa gore ba kgakala le Modimo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan