Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 8:18 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

18 Jalo itlhokomeleng ka fa lo reetsang ka gone, gonne yo o nang le gone, o tlaa newa mo go tona; mme le fa e le mang yo o senang sepe, le e leng se o nang naso tota o tlaa se tseelwa.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

18 “Ka moo, tlhokomelang ka fa lo utlwang ka teng; gonne yo o nang le sengwe o tla newa; mme yo o se nang sepe, le se a itlhomang a na naso o tla se tseelwa.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

18 Ki gona, itiseñ kaha lo utluañ ka gona; gone leha e le mañmañ eo o nañ le señue, o tla neoa; mi eo o si nañ sepe o tla tloserioa le shona se o itlomañ a na nasho.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

18 “Ke gone, itiseng, ka fa lo utlwang ka teng; gonne le fa e le mang yo o nang le sengwe, ke ene o tlaa newang; mme le fa e le mang yo o se nang sepe, go tlaa tlosiwa mo go ene le se o itlhomang a na naso.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 8:18
25 Iomraidhean Croise  

A ba a ba tlhalosetsa a re, “Ka gore yo o nang le sengwe o tlaa okelediwa, o tlaa nna le go le go tona; mme yo o senang sepe o tlaa tseelwa le bonnyenyane jo a nang najo. Ke sone se ke dirisang ditshwantsho tse ka sone, jalo he batho ba tlaa utlwa, ba bo ba bona, mme ga ba kitla ba tlhaloganya.”


Gonne motho yo o dirisang se a se neetsweng sentle o tlaa neelwa go le go tona, mme o tlaa nna le letlotlo, mme motho yo o sa ikanyegeng, le e leng tshwanelo e potlana e a nang nayo e tlaa tsewa mo go ene.


“Mme fa lo bona selo se se makgapha se eme mo Tempeleng, mmadi, ela tlhoko! Tshaba, o tshabele kwa dithabeng tsa Judea fa go kgonega.


Kgosi ya fetola ya re, ‘Ee, ke boammaaruri gore ba ba nang le go le gontsi ba newa go le gontsi, mme ba ba nang le go le gonnye ba latlhegelwa le ke gone mo ba nang nago.


“Ntheetsang lo bo lo gakologelwe se ke se buang. Nna, Morwa Motho, ke tlaa okwa.”


O kgaola kala nngwe le nngwe e e sa ungweng. Mme o ntlafatsa dikala tse di ungwang gore di ungwe thata.


Mme ke ne ka re o ye go bidiwa, mme o dirile sentle ka go tla ka bonako. Jaanong ke rona ba, re letile fa pele ga Morena, re batla go itse se o se go boleletseng go se re bolelela!”


Mme batho ba Berea ba ne ba tlhaloganya go na le ba ba kwa Thesalonika, ba ne ba reetsa molaetsa ka boitumelo. Ba ne ba batlisisa mo dikwalong letsatsi le letsatsi go bona gore a se se builweng ke Paulo le Silase ke Boammaaruri.


Jaaka morongwa wa Modimo ke neela mongwe le mongwe wa lona tlhagiso ya Modimo: Ikanyegeng mo go kaeng seemo sa lona mo Modimong, lo lekanya letlotlo la lona gore Modimo o le lo neetse ka tumelo e e selekanyo se kae.


Lona ba lo reng lo na le mpho ya go porofesa kgotsa nonofo nngwe e e tswang mo Moweng O O Boitshepo lo tshwanetse go nna ba ntlha go lemoga gore se ke se buang ke taolo e e tswang mo Moreneng ka bo ene.


Lesang go itsietsa. Fa lo ikaya lo le botlhale jo bo feteletseng, jaaka go lejwa ka fa ponong ya maemo a lefatshe le, go ka nna botoka go beela mo gotlhe fa thoko mme lwa nna dieleele go na le gore lo bo lese bo lo busetsa kwa morago mo botlhaleng jwa boammaarruri jo bo tswang kwa godimo.


Fa mongwe a akanya gore o itse dikarabo tsotlhe, o supa bosenakitso jwa gagwe fela.


Legale fa mongwe a ka bo a kile a nna le mabaka a gore o ka ipoloka, e ka bo e le nna. Fa ba bangwe ba ne ba ka bolokwa ke se ba leng sone, tota ke ka bo ke ipolokile.


Jalo re tshwanetse go reetsa sentle thata boammaaruri jo re bo utlwileng, e seng jalo re ka tloga ra tswa mo go jone.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan