Luke 8:16 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha16 [Ka nako e nngwe a botsa a re,] “E mang yo o kileng a utlwalela mongwe yo e a reng a sena go tshuba lobone a lo khurumetse gore lo se ka lwa bonesa? Nnyaa! Dipone di bewa mo di ka bonwang teng. Faic an caibideilSetswana 197016 “Ga go na ope yo e a reng a tshubile lobone, a lo ribegetse ka sejana, le fa e le go lo baya ka fa tlase ga bolao; mme o a tle a lo tlhome mo setlhomong gore ba ba tsenang ba bone lesedi. Faic an caibideilBibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)16 ¶ Ga go ope eo o are a sina cuba lobone, a lo ribegetse ka seyana, leha e le go lo baea tlatse ga bolao; mi oa lo tloma mo tlomoñ sa lobone, gore ba ba tsenañ ba bone leseri. Faic an caibideilBAEBELE e e Boitshepo16 “Ga go na motho ope, yo e a reng a tshubile lobone a lo ribegetse ka sejana, le fa e le go lo huhumetsa tlase ga bolao; mme o a tle a lo tlhome ka setlhomo, gore ba ba tsenang ba bone lesedi. Faic an caibideil |
go bula matlho a bone mo go tse e leng tsa boammaaruri gore ba tle ba ikwatlhaye ba nne mo leseding la Modimo go na le gore ba tshele mo lefifing la ga Satane, gore ba tle ba bone boitshwarelo jwa dibe tsa bone le go ja boswa jwa Modimo mmogo le batho botlhe gongwe le gongwe ba dibe tsa bone di tlhatswitsweng, ba ba beetsweng kwa thoko ka ntlha ya go dumela mo go nna.’