Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 8:14 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

14 Peo e e mo gare ga mitlwa e tshwantshiwa le batho ba ba dumelang mafoko a Modimo mme ba e reng morago tumelo ya bone e hupediwe ke matshwenyego le dikhumo le ditiro le maitumelo a botshelo. Mme jalo ga ba na nonofo ya go thusa ope go dumela Mafoko a a Molemo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

14 Tse di wetseng mo ditlhatshaneng tse di mmitlwa ke bone ba ba utlwileng, mme ba tsamaya ba imelwa ke matshwenyego le mahumo le menate ya lefatshe, ba hupediwa, mme go se ke go butswe leungo lepe mo go bona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

14 Mi tse ri oetseñ mo mitlueñ, ki bona ba erileñ ba sina utlua, ba coela pele, mi ba huperioa ki papalelo, le mahumo, le litlapelo tsa botselo yonu, mi ga ba uñue louñuo lo lo tletseñ.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

14 Tse di wetseng mo mitlweng, ke ba ba utlwileng, mme ba re ba ntse ba tswelela pele ba hupediwa ke ditlhodiego, le mahumo, le ditlhapelo tsa botshelo jono, ba se ke ba ungwe loungo lope lo lo itekanetseng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 8:14
17 Iomraidhean Croise  

Bolelela ba ba humileng gore ba se ka ba ikgantsha le go ikanya madi a bone, a a tlogang a nyelela ka bonako, mme boikgantsho jwa bone le boikanyo bo tshwanetse go nna mo Modimong o o tshelang o o re nayang tsotlhe tse re di tlhokang ka metlha yotlhe go di itumelela.


mme ka bofefo dithato tsa lefatshe le menate ya mahumo le go batla go tswelela pele le go eletsa dilo tse dintle go tsene ka bofefo mme go kgoreletse molaetsa wa Modimo mo dipelong tsa bone mme go seke go nne loungo lope.


Mmu o o tlhogileng o o khurumeditsweng ke mitlwa o raya motho yo o utlwang molaetsa, mme ditlhobaelo tsa botshelo le keletso ya gagwe ya madi di hupetse Lefoko la Modimo, mme a direle Modimo ka boutsana.


“Itiseng! Lo se letle gore go tla ga me ka tshoganetso go lo fitlhele lo sa ipaakanya. Ke se ka ka lo fitlhela lo iketlile mo boatleng, kgotsa mo medirong ya botlhapelwa, lo gapilwe ke matshwenyego a botshelo jo, jaaka mo lefatsheng lotlhe.


Peo e nngwe ya wela mo gare ga masitlwana, mme medi e mennye ya akofa ya hupela.


gonne Demase o ntlogetse. O ratile dilo tse dintle tsa lefatshe leno o ile Theselonika. Keresenese o ile Galalea, Tito o ile Dalamatia.


Fa mongwe a ikgaoganya le nna, o latlhwa jaaka kala e e senang molemo, e omelela, e phuthwa le tse dingwe mme di tshujwe.


“Gonne le fa e le wena kgotsa mongwe fela ga go ope yo o ka direlang barena ba babedi. O tlaa ila yo mongwe mme o rate yo mongwe, kgotsa go nne ka mokgwa mongwe o sele. O tla nna mafolofolo ka yo mongwe mme o nyatse yo mongwe. Ga o ka ke wa direla Modimo le madi!”


Lefatshe le le maje le tshwantshiwa le ba ba itumelelang go reetsa dithero, mme ka mokgwa mongwe molaetsa tota o sa tsene mo go bone le gone ga o mele ebile ga o gole. Ba a itse gore molaetsa o o boammaaruri mme ba dumela ka lobakanyana fela; ere fa dipogiso di tla ba felelwe, ke kgatlhego.


“Mme mmu o o molemo o tshwantshiwa le batho ba ba ikanyegang ba ba pelo di siameng. Ba reetsa mafoko a Modimo ba a tshegetse mme ba a anamise ka bonya mo go ba bangwe.”


A re khutliseng go tlhola re ntse re boelela selo se le sengwe fela gangwe le gape, ka malatsi otlhe re ruta dithuto tsele tsa pele kaga Keresete. Go na le moo, a re tsweleleng pele mo dilong tse dingwe re bo re gole mo go tlhaloganyeng ga rona, jaaka Bakeresete ba ba nonofileng ba tshwanetse go nna. Tota ga re tlhoke go tswelela re buela pele ka boeleele jwa go leka go bolokwa ka go nna tshiamo, kgotsa ka botlhokwa jwa tumelo mo Modimong;


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan