Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 8:13 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

13 Lefatshe le le maje le tshwantshiwa le ba ba itumelelang go reetsa dithero, mme ka mokgwa mongwe molaetsa tota o sa tsene mo go bone le gone ga o mele ebile ga o gole. Ba a itse gore molaetsa o o boammaaruri mme ba dumela ka lobakanyana fela; ere fa dipogiso di tla ba felelwe, ke kgatlhego.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

13 Tse di mo mmung o o majwe ke ba e a reng ba utlwile, ba tshole Lefoko ka boitumelo; mme ga ba na modi. Ke ba ba dumelang ka sebakanyana fela, mme mo motlheng wa thaelo ba tenege.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

13 Mi tse ri mo hikeñ, ki bona ba erileñ ba sina utlua, ba cula lehuku ka boitumelo, mi ba, eare ka ba sina mocoe ba rumela ka bokhutsanyane, mi eare mo motleñ oa thaelo ba tenege.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

13 Ba ba fa go leng letlapa ke ba e a reng ba utlwile, ba tshole lefoko ka boitumelo; bao, e re ka ba sena modi, ba dumele ka lobakanyana fela; mme mo motlheng wa thaelo ba tenege.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 8:13
37 Iomraidhean Croise  

Herode o ne a tlotla Johane, a itse fa e le motho yo o molemo a bile a le boitshepo, foo a mmaya ka fa tlase ga tshireletso ya gagwe. Herode o ne a tshwenyega nako tsotlhe fa a bua le Johane, le fa go ntse jalo o ne a rata go mo reetsa.


Tsela e e kwakwaletseng e peo nngwe e wetseng mo go yone e tshwantshiwa le dipelo tse di thata tsa batho ba ba utlwang mafoko a Modimo, mme diabolo a tle a utswe mafoko a kganele batho go dumela le go bolokwa.


Peo e e mo gare ga mitlwa e tshwantshiwa le batho ba ba dumelang mafoko a Modimo mme ba e reng morago tumelo ya bone e hupediwe ke matshwenyego le dikhumo le ditiro le maitumelo a botshelo. Mme jalo ga ba na nonofo ya go thusa ope go dumela Mafoko a a Molemo.


O kgaola kala nngwe le nngwe e e sa ungweng. Mme o ntlafatsa dikala tse di ungwang gore di ungwe thata.


Fa mongwe a ikgaoganya le nna, o latlhwa jaaka kala e e senang molemo, e omelela, e phuthwa le tse dingwe mme di tshujwe.


Johane o ne a phatsima sentle ka lobakanyana, mme go ne ga lo solegela molemo lwa itumela,


Fa ke ne ke na le mpho ya go porofesa ebile ke itse tsotlhe tse di tlaa diragalang mo lobakeng lo lo tlang, ke itsile sengwe le sengwe kaga sengwe le sengwe, mme ke sa rate ba bangwe, go ne go ka dira molemo wa eng? Le fa ke ne ke na le mpho ya tumelo mo e leng gore ke ne ke ka bua le thaba ka e dira gore e sute, ke ne ke tlaa bo ke santse ke sena mosola gotlhelele fa ke sena lorato.


mme ke Mafoko a a Molemo a, a a lo bolokang fa lo santse lo a dumela ka tlhomamo, fa e se fela fa lo ne lo se ka lwa a dumela lwa ntlha.


Ao Bagalatia ba ba dieleele! Lo tseantswe ke moloi yo o ntsengjang a bo a lo tsenya mowa wa bohema? Gonne lo kile lwa bo lo bona sentle se loso lwa ga Keresete lo se rayang jaaka o ka re ke ne ke kile ka baya fa pele ga lona lomati lo lo nang le setshwantsho sa ga Keresete a a swa mo mokgorong.


Lo bogetse Mafoko a a Molemo thata. A jaanong lo tsile go a latlhela gongwe le gongwe fela? Ga ke dumele tota!


Mme ke rapela gore Keresete a nne ka kgololesego mo dipelong tsa lona, a nna mo go lona jaaka lo mo ikanya. A medi ya lona e tsenelele kwa teng mo loratong lwa Modimo lo lo hakgamatsang;


se se batlwang fela mo go lona ke gore lo dumele Boammaaruri ka botlalo, lo eme mo go jone lo sa reketle ebile lo nitame, lo nonofile mo Moreneng, lo dumela ka botlalo mo Mafokong a a Molemo gore Jesu o lo swetse, ebile lo sa sute mo go mo ikanyeng go lo boloka. Se mafoko a mantle a a hakgamatsang a a tsileng mo go mongwe le mongwe wa lona mme jaanong a aname le lefatshe lotlhe. Mme nna Paulo, ke na le boitumelo jwa go a bolelela ba bangwe.


A medi ya lona e melele thata kwa teng ga gagwe mme e gope dikotla mo go ene. Elang tlhoko gore lo tswelele go gola mo Moreneng, le gore lo a nonofa ebile lo tlhomama mo boammaaruring jo lo bo rutilweng. A matshelo a lona a penologe ka boitumelo le malebogo mo go tsotlhe tse a di dirileng.


Jaaka ke boletse, erile ke retelelwa ke go itshoka, ka roma Timotheo go tla go bona gore a tumelo ya lona e santse e nonofile. Ke ne ke boifa gore kgotsa Satane o setse a lo raetse le gore tiro ya rona e setse e le lefela.


Ngaparela tumelo ya gago thata mo go Keresete mme ka nako tsotlhe a segakolodi sa gago se nne se le phepa, o dira se o itseng gore se siame. Gonne batho ba bangwe ba tlhokile kutlo mo digakoloding tsa bone, mme ba dira ka bomo tse ba itsileng gore ga di a siama. Ga go hakgamatse gore erile ka bofefo ba latlhegelwa ke tumelo ya bone mo go Keresete ba sena go nyatsa Modimo jalo.


Mme ga re ise re ke re furalele Modimo ra bo ra thibela tshenyego ya rona. Nnyaa, tumelo ya rona mo go One e tlhomamisa poloko ya mewa ya rona.


Fela jaaka mmele o sule fa go sena mowa mo go one, tumelo le yone e ntse fela jalo e sule fa e le gore ke mofuta o o sa ungweng ditiro tse di molemo.


Mme fa motho a falotse mekgwa e e bosula ya lefatshe ka go ithuta ka ga Morena le Mmoloki wa rona Jesu Keresete, mme a bo a ithatheletsa ka sebe a bo a nna motlhanka wa sone gape, o maswe bogolo go gaisa jaaka a ne a ntse pele.


Mogologolo a re, “Ntsa e boela mo matlhatseng a yone, mme kolobe e tlhapisediwa fela go bowa e bidikama mo morageng gape.” Go ntse fela jalo le mo go ba ba boelang mo dibeng tsa bone gape.


Batho ba ba tlhabantshang Keresete ba, e kile ya ne e le maloko a diphuthego tsa rona, mme tota e ne e se ba rona, gonne fa go ne go ntse jalo ba ka bo ba sa lomologa mo go rona. E rile ba lomologa mo go rona, ga supa sentle gore e ne e se ba rona gotlhelele.


Mme fa banna ba ba ikopanya le lona mo meketeng ya lorato ya phuthego ke dilabe tse di maswe mo gare ga lona, ba a tshega ba tsweletse pele, ba bohula ba ikatela dijo ba sa akanyetse ba bangwe ba tshwana le maru a a kgokgoediwang ke phefo mo lefatsheng je le omeletseng a sena pula, ba solofetsa go le gontsi mme go se na sepe. Ba tshwana le ditlhare tsa maungo tse di senang sepe ka nako ya thobo, ga ba a swa fela, ba sule mo go menaganyeng, gonne ba epolotswe gotlhe ka medi go fisiwa.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan