Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 8:12 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

12 Tsela e e kwakwaletseng e peo nngwe e wetseng mo go yone e tshwantshiwa le dipelo tse di thata tsa batho ba ba utlwang mafoko a Modimo, mme diabolo a tle a utswe mafoko a kganele batho go dumela le go bolokwa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

12 Tse di mo tseleng ke ba ba utlwileng, mme morago go tle Diabolo, a tlose Lefoko mo dipelong tsa bone gore ba se ka ba dumela, ba pholosiwa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

12 Tse ri ha tseleñ, ki bona ba ba utluañ; mi eriha gona go tlañ diabolo, a tlosa lehuku mo peruñ tsa bona, gore ba si rumele, ba bulukoa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

12 Ba ba fa tseleng ke ba ba utlwileng; foo go tle diabolo a tlose lefoko mo pelong tsa bone, gore ba se ka ba dumela mme ba bolokwa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 8:12
13 Iomraidhean Croise  

tsela e e kwakwaletseng e peo e nngwe e neng ya wela mo go yone e raya pelo ya motho yo o utlwang mafoko a a molemo kaga Bogosi mme a ba a sa a tlhaloganye; mme Satane a ba a tla a phamola peo mo pelong ya gagwe.


Erile fa a ntse a gasa peo, e nngwe ya wela mo tseleng mme dinonyane tsa tla tsa e e ja.


Tsela e e thata, fa go wetseng peo nngwe teng e tshwantshiwa le bopelo-e-thata jwa batho bangwe ba ba utlwang lefoko la Modimo; mme e re ka bofefo Satane a tle a leke go ba lebatsa lefoko.


“Tlhaloso ya sone ke e: Peo ke molaetsa wa Modimo mo bathong.


Lefatshe le le maje le tshwantshiwa le ba ba itumelelang go reetsa dithero, mme ka mokgwa mongwe molaetsa tota o sa tsene mo go bone le gone ga o mele ebile ga o gole. Ba a itse gore molaetsa o o boammaaruri mme ba dumela ka lobakanyana fela; ere fa dipogiso di tla ba felelwe, ke kgatlhego.


“Molemi o kile a tswela kwa tshimong ya gagwe go ya go jala peo. Ya re a gasa peo fa fatshe, nngwe ya yone ya wela mo tseleng mme ya gatakwa; mme dinonyane tsa e e ja ka e ne e le mo lobaleng.


Kgogela e kgolo e, ebong noga ya bogologolo e e bidiwang diabolo, kgotsa Satane, ene yo o tsietsang lefatshe lotlhe, o ne a latlhelwa mo lefatsheng le mophato wa gagwe otlhe.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan