Luke 8:10 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha10 Mme a fetola a re, “Modimo o lo letleletse go itse tlhaloso ya ditshwantsho tse, gonne di bolela tiro e kgolo ya Bogosi jwa Modimo. Mme bontsintsi jo jwa batho bo utlwa mafoko mme ga ba tlhaloganye, fela jaaka baporofiti ba boletse. Faic an caibideilSetswana 197010 A re: “Lona lo neilwe go itse masaitsiweng a puso ya Modimo; mme ba bangwe ba newa ka ditshwantsho gore le fa ba bona, ba se ka ba bona, mme le fa ba utlwa, ba se ka ba tlhaloganya. Faic an caibideilBibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)10 Mi a re, Lona lo neiloe go tlaloganya tse ri sa itsioeñ tsa pusho ea Morimo, mi ba bañue, ki bua nabo ka licuanco, gore go bona ba si bone, le go utlua ba si tlaloganye. Faic an caibideilBAEBELE e e Boitshepo10 Mme a re: “Lona lo neilwe go itse masaitsiweng a bogosi jwa Modimo; mme ba bangwe ba go newa ka ditshwantsho; gore ka go bona ba se ka ba bona le ka go utlwa ba se ka ba tlhaloganya. Faic an caibideil |
Ke lo neela mo Modimong, o o kgonang go lo nonotsha le go lo pepetletsa mo Moreneng, fela jaaka Mafoko a a Molemo a bua, le jaaka ke lo boleletse. Se ke leano la Modimo la poloko ya lona badichaba, le le neng le fitlhegile go tsweng kwa tshimologong ya metlha. Mme jaanong fela jaaka baporofiti ba sale ba bolela le jaaka Modimo o laotse molaetsa o o rerwa gongwe le gongwe, gore batho mo tikologong yotlhe ya lefatshe ba tle ba nne le tumelo mo go Keresete ba mo obamele. A Kgalalelo e nne go Modimo ka osi o o leng botlhale, ka Jesu Keresete Morena wa rona. Amen. Ke nna wa boammaaruri, Paulo
Se ke se lo kope-tseng mo Modimong ke se: gore lo kgothadiwe lo bo lo lomaganngwe mmogo ka ditlamo tse di thata tsa lorato, le gore lo nne le boitemogelo jo bo tletseng le tlhaloganyo ya go itse Keresete ka botlalo. Gonne leano le la Modimo le le neng le sa itsiwe, jaanong le senotswe, ke lone Keresete ka sebele.
Go boammaaruri tota gore go tshelela Modimo ga go motlhofo. Mme karabo e mo go Keresete, yo o tsileng mo lefatsheng a le mo setshwanong sa motho, yo o supegileng a sena selabe a bile a itshekile mo Moweng wa gagwe, yo o diretsweng ke baengele, a rerwa mo dichabeng, a amogelwa ke batho gongwe le gongwe mme a amogelwa gape mo kgalalelong ya gagwe kwa legodimong.