Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 8:1 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

1 Mme ka bofefo morago ga moo a etela metse le metsana ya Galalea go bolela go tla ga Bogosi jwa Modimo, mme a tsamaya le barutwa ba gagwe ba ba lesome le bobedi.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

1 Morago ga moo a ralala metse le metsana ka go latelana, a rera, a bolela Efangele ya puso ya Modimo, a na le ba ba 12,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 MI ga rihala morago ga mouo, a tsamaea a khabaganya metse, le metsana eotle, a rera a bulela evañgelio ea pusho ea Morimo; mi ba tuelev bo ba na nae;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 Ga akofa ga dirala morago ga moo, gore a tsamaye a ye le metse le metsana yotlhe, a rera a bolela Mafoko a a Molemo a bogosi jwa Modimo; le ba ba 12 ba bo ba na nae,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 8:1
18 Iomraidhean Croise  

Mme e rile fa Jesu a sena go fetsa go nee-la barutwa ba gagwe ba ba lesome le metso e le mebedi ditaelo tse, a tsamaya mo metseng e ba neng ba tshwanetse go rera mo go yone.


tsela e e kwakwaletseng e peo e nngwe e neng ya wela mo go yone e raya pelo ya motho yo o utlwang mafoko a a molemo kaga Bogosi mme a ba a sa a tlhaloganye; mme Satane a ba a tla a phamola peo mo pelong ya gagwe.


Jesu a tsamaya mo tikologong yotlhe ya Galalea a ruta mo dikerekeng tsa Bajuta a rera Mafoko a a Molemo kaga Bogosi jwa Legodimo. A fodisa mofuta mongwe le mongwe wa khidiego le malwetse.


Jesu o na a tsamaya mo tikologong yotlhe mo magaeng a lefatshe leo, a ruta mo matlung a thuto ya Sejuda a anamisa Mafoko a a Molemo kaga Bogosi. Mme gongwe le gongwe kwa a neng a ya teng o na a fodisa batho mofuta mongwe le mongwe wa bolwetse.


Mme a tsamaya le lefatshe lotlhe la Galalea, a rera mo ditempeleng ebile a golola ba le bantsi mo thateng ya Mewa e e maswe.


Mme e rile ngwana a sena go gola a rata Modimo thata. A nna kwa ntle mo sekakeng a le esi go fitlhelela a simolola thuto ya gagwe mo Iseraele.


Mme ya re ka letsatsi lengwe la malatsi ao fa a ntse a ruta a bile a rera Mafoko a a Molemo mo Tempeleng, a engwa pele ke baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba tumelo le bagolwane ba motse.


“Mowa wa Modimo o mo go nna. O ntaoletse go rerela bahumanegi Mafoko a a Molemo; o nthometse go fodisa dipelo tse di phatlogileng le go bolela gore magolegwa a tla gololwa, le difofu di tlaa bona, bapatikegi ba tlaa gololwa mo bagateleding ba bone le gore Modimo o ipaakanyeditse go naya letlhogonolo botlhe ba ba tlang mo go one.”


Mme jalo ba simolola go tlhatlologanya metsana, ba rera Mafoko a a Molemo ba bile ba fodisa balwetse.


Mme ga go belaesege go itse gore Jesu wa Nasaretha o ne a tlodiwa ke Modimo ka Mowa o o Boitshepo le ka nonofo, mme o ne a tsamaya a dira molemo a bile a fodisa botlhe ba ba neng ba na le mewa e e maswe, gonne Modimo o ne o na nae.


“Mme jaanong Barenabase le nna re fano go lo tlisetsa Mafoko a a Molemo a, gore tsholofetso ya Modimo mo go borraetsho-mogolo e diragaditswe mo dinakong tsa rona, ka go tsosa Jesu mo losong gape. Se ke sone se Pesalema ya bobedi e buang kaga sone fa e bua kaga Jesu e re, ‘Gompieno ke go tlotlile jaaka Morwaake.’


Le gone mongwe o tlaa tsamaya jang a ya go ba bolelela fa mongwe a sa mo rome? Ke sone se Dikwalo di buang kaga sone fa di re, “Ana go go ntle jang dinao tsa ba ba rerang Mafoko a kagiso le Modimo, ba bo ba lere mafoko a a itumedisang a dilo tse di molemo.” Ka mafoko a mangwe ke gore, go amogelesega thata jang ba ba tlang ba rera Mafoko a Modimo a a Molemo!


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan