Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 7:8 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

8 Ke a itse, ka gore ke ka fa tlase ga taolo ya maotlana a magolo, mme ke na le taolo mo bathong ba me. Ke na le tshwanelo ya gore ‘Tsamayang!’ mme ba tsamaye; kgotsa ‘Tlang!’ mme ba tle; mme ke reye motlhanka wa me ke re, dira se kgotsa sele; mme a se dire. [Jalo, bua fela jaana o re, ‘Fola’ mme motlhanka wa me o tlaa fola!].”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

8 Gonne le nna ke motho yo ke beilweng ka fa tlase ga taolo, ke na le batlhabani ba ba mo taolong ya me; ke raya yo ke re: ‘Tsamaya!’ a tsamae; le yo mongwe, ke re: ‘Tlaya!’ a tle, le motlhanka wa me, ke re: ‘Dira se!’ mme a se dire.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

8 Gone ka le ’na ki monona eo o laorisicoeñ mo thateñ ea ba sele, mi ki na le batlabani ba me, mi ki raea moñue, Ea, mi a ee; le go eo moñue, Ntlo, mi a tle; le go motlañka oa me, Riha se, mi a se rihe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

8 Gonne le nna ke monna yo ke beilweng mo taolong, ke bile ke na le batlhabani ba mo taolong ya me; mme ke reye mongwe ke re: ‘Tsamaya,’ mme a tsamaya; ke reye yo mongwe ke re: ‘Ntlo,’ mme a tle; le motlhanka wa me: ‘Dira se,’ mme a se dire.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 7:8
12 Iomraidhean Croise  

Jesu a hakgamala. A retologela kwa bathong ba ba kgobokaneng a re, “Ga ke ise nke ke kopane le motho wa tumelo e e ntseng jaana mo Bajuteng botlhe ba ba mo Iseraele.”


Mme Paulo a bitsa mongwe wa bagolwane a mo raya a re, “Tsaya mosimane yo o mo ise kwa go molaodi. O na le sengwe sa botlhokwa go se mmolelela.”


Mme molaodi a bitsa bangwe ba bagolwane ba gagwe ba le babedi a ba raya a re, “Baakanyang batlhabani ba le makgolo mabedi ba ye Kaesarea ka nako ya boroba bongwe bosigo! Tsayang banna ba dichaka ba le makgolo a mabedi le bapalami ba le masome a supa. Neelang Paulo pitse gore a palame mme lo mo ise kwa go kgosana Felise a babalesegile.”


“Go tswa kwa go Kalaudio Lusia, Lo ya kwa go Motlotlegi Kgosana Felise, Ditumediso!


Mme erile bosigo joo, jaaka go laotswe masole a isa Paulo kwa Antipateri.


Mme a laola gore Paulo a tsenngwe mo kgolegelong, a bo a laela batlhokomedi gore ba mo tshware sentle le gore ba seka ba itsa ditsala dipe tsa gagwe go mo etela kgotsa go mo tlisetsa dimpho go dira gore a nametsege fa a ntse a le mo kgolegelong.


Mme ke tlaa kwalela kgosi-kgolo ke mo raya ke reng? Gonne ga go na molato ope o o bonalang mo go ene! Mme ke mo tlisitse fa pele ga lona lotlhe, bogolo jang wena Kgosi Ageripa, go mo tlhotlhomisa sentle o bo o mpolelela se ke ka se kwalang.


Lona batlhanka lo tshwanetse go ikobela beng ba lona ba lefatshe ka malatsi otlhe, lo sa leke go ba itumedisa fela fa ba lo lebeletse mme lo ba itumedisa ka metlha yotlhe; ba ikobeleng ka boineelo ka ntlha ya lorato lwa lona mo Moreneng le ka ntlha ya gore lo batla go mo itumedisa.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan