Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 7:6 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

6-7 Jesu a tsamaya le bone; mme ya re pele ga ba goroga kwa tlung, moeteledipele wa masole a romela ditsala dingwe go ya gore, “Morena o se ka wa itapisa ka go tla kwa lwapeng la me, gonne ga ke a tshwanelwa ke tlotlo e e kalo kgotsa le fa e le go ka kopana nao, bua lefoko fela fa o leng teng mme motlhanka wa me o tlaa fola.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

6 Foo Jesu a ya nabo. Jaanong ya re a sa tlhole a le kgakala le ntlo, molaodi-wa-lekgolo a roma ditsala kwa go ene, a mo raya a re: “Morena, se itshwenye; gonne ga ke a lekana gore o tsene ka fa tlase ga ditlhomeso tsa me.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

6 Mi Yesu a ea nabo. Mi erile yana a si khakala le ntlu, mosenturi a roma litsala go ena, tsa mo raea, Morena, u si itapise; gone ki sa cuanela gore u tle kua tlatse ga tlomesho tsa me:

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

6 Foo Jesu a ya nabo. Ya re jaana a setse a se kgakala le ntlo, molaodi wa mophato a roma ditsala kwa go ene, tsa ya go mo raya tsa re: “Morena, o se ka wa itapisa, ka gobo ga ke a tshwanela fa o ka tsena kwano tlase ga ditlhomeso tsa me.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 7:6
15 Iomraidhean Croise  

Mokgwa wa lona o tshwanetse go nna jaaka wa me, gonne nna Morwa Motho, ga ke a tlela go direlwa, fa e se go direla, le go ntshetsa ba le bantsi botshelo jwa me go nna thekololo.”


“Nna ke kolobetsa mo metsing ba ba sokologileng mo dibeng tsa bone; mme mongwe o e tla; yo mogolo go mpheta thata, o bogolo jo e leng gore ga ke a lekana go tshola ditlhako tsa gagwe. Ene o tlaa lo kolobetsa ka Mowa o o Boitshepo le ka molelo.


Hong Jesu a tsamaya nae, mme bontsi jwa batho jwa mo sala morago.


Erile Simone Petere a lemoga se se diragetseng a itigela ka mangole fa pele ga ga Jesu mme a re, “Ao, Morena, tswee-tswee, re tlogele ke moleofi yo mogolo go ka nna le wena.”


Hong ba simolola go kopa Jesu ka tlhoafalo go ya le bone go thusa monna yoo. Ba mmolelela ka fa moeteledipele wa masole o neng a le senatla ka gone. “Fa mongwe a tshwanelwa ke go thusiwa, ke ene,


gonne o rata Bajuta o bile o re agetse ntlo ya thuto!”


E rile a sa ntse a bua le ene, morongwa a goroga a tswa kwa lapeng la ga Jairo ka mafoko a a reng ngwanyana o sule. A raya rraagwe ngwana a re, “O sule, ga go thuse go tshwenya Moruti jaanong.”


Mme ga go belaesege go itse gore Jesu wa Nasaretha o ne a tlodiwa ke Modimo ka Mowa o o Boitshepo le ka nonofo, mme o ne a tsamaya a dira molemo a bile a fodisa botlhe ba ba neng ba na le mewa e e maswe, gonne Modimo o ne o na nae.


Ke gone e tlaa reng fa lo ikutlwa lo se ba sepe fa pele ga Morena, o tlaa lo tsholeletsa kwa godimo a lo kgothatsa a bo a lo thusa.


Mme o re naya nonofo ya go tlhabana le dikeletso tsotlhe tse di bosula tse di ntseng jaana. Jaaka Lokwalo lo re, Modimo o naya ba ba ingotlang nonofo, mme o kgatlhanong le ba ba ikgodisang le ba ba mabela.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan