Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 7:47 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

47 Ka moo dibe tsa gagwe tse dintsi di itshwaretswe, gonne o nthatile thata; mme yo o itshwaretsweng go le gonnye go supa lorato lo lo nnye.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

47 Ka ntlha ya moo ke go raya ke re: Dibe tsa gagwe tse di leng dintsi o di itshwaretswe; go bonala jalo, ka a ratile go le gogolo; mme yo o itshwarelwang go le gobotlana, o rata go le gobotlana.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

47 Ki gona, ki gu raeañ, Libe tsa gague tse li li rintsi li icuarecoe; gone o na le lorato lo logolu; mi eo o icuarecoeñ tse ri potlana, o na le lorato lo lo botlana.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

47 Ke gone ke go rayang ke re, dibe tsa gagwe tse di leng dintsi o di itshwaretswe, gonne o ratile go le gogolo; mme yo o itshwaretsweng go le gobotlana, o rata go le gobotlana.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 7:47
25 Iomraidhean Croise  

Fa o rata rrago le mmago go gaisa jaaka o nthata, ga o a tshwanela go nna wa me; kgotsa fa o rata morwao kgotsa morwadio go mpheta, ga o a tshwanela go nna wa me.


E rile Mofarasai mongwe yo Jesu o neng a mmiditse, a bona se se diregang le gore mosadi e ne e le mang, a ithaya a re, “Se supa gore Jesu ga se moporofiti, gonne fa tota a ne a romilwe ke Modimo, o ka bo a itsile gore mosadi yo ke wa mofuta ofe!”


Lo ne lwa tlhokomologa bopelonomi jwa gale jwa lookwane lwa motlhware go tlotsa tlhogo ya me, mme ene o bipile dinao tsa me ka setlolo se se sa tlwaelesegang.


Mme a mo raya a re, “Dibe tsa gago di itshwaretswe.”


Mme ka nonofo e kgolo, Modimo wa mo tsholetsa go nna Kgosana le Mmoloki, gore batho ba Iseraele ba tle ba nne le lobaka lwa boikwatlhao le gore dibe tsa bone di itshwarelwe.


Melao e e some e ne ya ntshiwa gore botlhe ba bone selekanyo sa ka fa ba tlhaelang ka teng go obamela melao ya Modimo. Mme fa re ntse re bona boleo jwa rona ke gone bogolo re bonang kutlwelobotlhoko ya Modimo o o re itshwarelang.


Le gone rona ba Keresete a re neetseng botshelo jo bo sa khutleng ga go tlhokege gore re tshwenyege ka gore a re rupisitswe kgotsa nnyaa; kgotsa gore a re obamela mediro ya Sejuta kgotsa nnyaa; gonne gotlhe mo re go tlhokang ke tumelo e e dirang ka lorato.


A tshegofatso le masego a Modimo a nne le botlhe ba ba ratang Morena wa rona Jesu Keresete ka boammaaruri.


Thapelo ya me ka lona ke gore lorato lwa lona lo oketsegele ba bangwe, lo bo lo gole mo kitsong ya semowa le mo temogong.


Oo! Morena wa rona o ne a le pelotlhomogi go le kae, gonne o ntshupegeditse gore ke ka mo ikanya jang le go nna lorato lo lo tletseng lwa ga Jesu Keresete.


Mme fa re nna mo leseding la Modimo, fela jaaka Keresete a dira, hong re na le bolekane jo bo hakgamatsang le boitumelo yo mongwe mo go yo mongwe, mme madi a ga Jesu Morwa One a re tlhapisa mo boleong bongwe le bongwe.


Bananyana, re khutliseng go nna re bua puo ya molomo fela re re re rata batho; a re ba rateng ka boammaaruri, re bo re go supe ka ditiro tsa rona.


Jalo a lo lemoga gore go mo rata ga rona go dirwa ke go bo a re ratile pele.


Go rata Modimo go dira se Modimo o re bolelelang gore re se dire, mme go bua boammaaruri, go dira jalo ga go thata gotlhelele;


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan