Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 7:43 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

43 Simone a araba a re, “Ke gopola gore ke yo o neng a mo kolota thata.” Jesu a dumela a re go ntse jalo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

43 Simone a araba a re: “Ke gopola gore e tla nna ene yo a mo itshwaretseng go le gogolo.” Jesu a mo raya a re: “O atlhotse sentle.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

43 Mi Simone a araba a re, ’Nka re, Eo o icuarecoeñ bogolu ki ena. Mi a mo raea, U sekisitse ka tsiamo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

43 Simone a mo fetola a re: “Ke a gopola e tlaa nna ene yo o mo itshwaretseng go le gogolo.” A mo raya a re: “O gopotse sentle.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 7:43
10 Iomraidhean Croise  

“Mme kgosi ya mo utlwela botlhoko mme ya mo golola ya mo itshwarela molato.


Mme e rile Jesu a lemoga go tlhaloganya ga monna yo a re, “Ga o kgakala le Bogosi jwa Modimo.” Mme morago ga moo ga seka ga tlhola ga nna le ope yo o pelokgale go mmotsa dipotso.


Ya re Jesu le barutwa ba gagwe ba tsweletse mo loetong lwa bone go ya Jerusalema ba tsena mo motsaneng mongwe kwa mosadi yo o neng a bidiwa Maratha o neng a ba amogela mo lwapeng lwa gagwe.


Mme ga go ise go ke go nne le ope wa bone yo o neng a mo duela, jalo ka bopelo-tlhomogi a ba itshwarela botlhe, a ba lesa gore ba seka ba duela. Ke ofe yo o gopolang gore o ne a mo rata thata morago ga moo?”


Hong a retologela kwa mosading a raya Simone a re, “A o bona mosadi yo o khubameng fa yo! Erile ke tsena mo lwapeng lwa gago ga o a ka wa tshwenyega ka go nnaya metse go tlhapa lorole mo dinaong tsa me, mme ene o di tlhapisitse ka dikeledi tsa gagwe a ba a di phimola ka moriri wa gagwe!


Ka moo dibe tsa gagwe tse dintsi di itshwaretswe, gonne o nthatile thata; mme yo o itshwaretsweng go le gonnye go supa lorato lo lo nnye.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan