Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 7:42 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

42 Mme ga go ise go ke go nne le ope wa bone yo o neng a mo duela, jalo ka bopelo-tlhomogi a ba itshwarela botlhe, a ba lesa gore ba seka ba duela. Ke ofe yo o gopolang gore o ne a mo rata thata morago ga moo?”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

42 Mme ya re ka ba se na sepe se ba ka lefang ka sona, a phimola molato wa bona ka bobedi. Jaanong yo o tla mo ratang bogolo mo go bone ke ofe?”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

42 Mi ka ba sina sepe go leha ka shona, a ba icuarela bo tu yoa bona. Ki gona ’mpulelela, mañ eo mo go ba, eo o tla mo ratañ bogolu?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

42 E rile ka ba se na sepe go lefa ka sone, a ba itshwarela boo babedi. Ka re, mpolelela gore yo o tlaa mo ratang bogolo mo go bone ke ofe?”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 7:42
23 Iomraidhean Croise  

“Mme kgosi ya mo utlwela botlhoko mme ya mo golola ya mo itshwarela molato.


Mme kgosi e e kgopegileng ya romela monna yo kwa tlung ya kgolegelo go fitlhelela a duela thebe ya bofelo ya madi a a a kolotang.


Mme o re itshwarele dibe tsa rona, jaaka re itshwaretse ba ba re leofetseng.


Simone a araba a re, “Ke gopola gore ke yo o neng a mo kolota thata.” Jesu a dumela a re go ntse jalo.


mme le fa go ntse jalo Modimo o re supa “re se molato” wa go o leofela fa re ikanya mo go Jesu Keresete, yo mo bopelonoming jwa gagwe o tlosang dibe tsa rona kwa ntle ga tuelo epe.


E rile re sa kgone go ithusa gotlhelele go se na letshoba la go falola, Jesu a tla ka nako e e tshwa-netseng mme a re swela rona baleofi ba re neng re sena molemo mo go ene.


Ee, mme ba ba ikaegileng mo melaong ya Sejuta go ba boloka ba mo phutsong ya Modimo, gonne Dikwalo di supa sentle thata di re, “Go hutsegile mongwe le mongwe yo ka nako nngwe a robang mongwe wa melao, e e kwadilweng mo Lokwalong lwa Modimo lwa Molao.”


Jalo he, bopelonomi jwa One bo a penologa mo go rona gonne o ne wa tlosa dibe tsotlhe tsa rona ka madi a Morwaa One, yo re bolokwang ka ene;


Mo boemong jwa moo ratanang, nnang pelonomi, lo itshwarelane, fela jaaka Modimo o lo itshwaretse gonne lo ba ga Keresete.


Mme nnang pelonolo lo ikemiseditse go itshwarela; se tsholaneng ka dipelo. Gakologelwang gore Morena o lo itshwaretse, jalo lo tshwanetse go itshwarela ba bangwe.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan