Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 7:34 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

34 Mme ke ja dijo tsa me e bile ke nwa mofine wa me mme lwa re, ‘Kana Jesu o rata dijo jang! E bile o a nwa! E bile o na le ditsala tsa mofuta o o kwa tlase!’

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

34 Morwa-Motho o tsile, a ja, a nwa; mme lo a re: ‘Bonang motho wa lejabobe, monwa-bojalwa, tsala ya bakgethisi le baleofi ke yo!’

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

34 Moroa mothu o tlile, a ya, a noa; mi loa re, Bonañ, moyi le monoi oa boyaloa; tsala ea baphuti ba lekhetho le baleohi!

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

34 Morwa Motho o tsile, a ja, a nwa; mme lwa re: ‘Bonang motho yo o tshikiri, le monwa bojalwa, tsala ya bakgethisi le baleofi!’

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 7:34
13 Iomraidhean Croise  

Mme nna, Morwa Motho, ke a ja e bile ke a nwa, mme lo ngongoregela gore ke ‘sejabobe, ke senwi, e bile ke dirisanya le mofuta o o maswe wa baleofi!’ Mme batho ba ba botlhale jaaka lona ba ka bona seipato mo go sengwe le sengwe se ba se dirang!”


“Fa o rata ba ba go ratang fela, go thusang?, le ba ba bosula ba dira jalo.


Mme Bafarasai ba kgotswa ba re, “Ke eng fa moruti wa lona a dirisanya le batho ba ba ntseng jaana.”


Ya re a ntse a bua, mongwe wa Bafarasai a mo kopa go ya go ja kwa lwapeng lwa gagwe. Mme ya re a goroga a nna fa fatshe a ja kwa ntle ga go dirisa mokgwa wa Sejuta wa go tlhapa diatla pele ga a ja. Mme mo ga gakgamatsa yo o neng a mo laleditse.


Mme ka Sabata nngwe ya re a le mo lwapeng lwa leloko lengwe la Lekgotla la Sejuta, Bafarasai ba bo ba mo lebeletse thata jaaka bophakalane go bona gore a o tlaa fodisa monna yo o neng a le foo a lwala go tlala metsi mo ditokololong.


mme mo ga tsosa dingongorego mo baeteledingpele ba tumelo ya Sejuta le bomaitseanape ba melao ya Sejuta ka gore o na a tsalane le baleofi ba ba ntseng jalo, ebile aa ja le bone!


Mme bontsintsi jwa batho ba se ka ba itumela. Ba ngongorega ba re, “O ile go nna moeng wa moleofi yo o itsegeng ka mokgwa o o maswe”.


Mme ka bonako Lefi a dira modiro mo legaeng la gagwe a o direla Jesu e le moeng yo o tlotlegang. Ba le bantsi ba ditsala tsa ga Lefi tsa bakgethisi le baeti ba bangwe ba ne ba le teng.


Gonne Johane wa Mokolobetsi o ne a tlwaetse go tsamaya a sa tsaya dijo e bile a se ke a tsaya seno mo botshelong jwa gagwe jotlhe, mme lwa re, ‘O tshwanetse a ba a tsenwa!’


Mme nna ke tlhomamisa gore lo ka kgona go itshegetsa mo tshiamololong ya lona.”


Hong mongwe wa Bafarasai a kopa Jesu gotla kwa lwapeng lwa gagwe go ya go ja, mme Jesu a amogela taletso eo. Ya re ba nna fa fatshe ba a ja,


Mme Jesu a baakanyediwa modiro wa tlotlo teng. Maratha a ba tsholela mme Lasaro ene a nna le bone kwa lomating lwa bojelo (tafole).


mme Jesu le barutwa ba gagwe le bone ba ne ba laleditswe.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan