Luke 7:19 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha19 a romela bangwe ba barutwa ba gagwe ba le babedi kwa go Jesu go ya go mmotsa ba re, “A o Mesia tota? Kgotsa re nne re mo lebeletse?” Faic an caibideilSetswana 197019 Foo Johane a ipiletsa barutwa ba le babedi ba gagwe, a ba roma go Morena a re: “A ke wena yo go tilweng: O tla tla, kampo re lebelele o sele?” Faic an caibideilBibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)19 ¶ Mi ka Yohane a biletsa go ena barutoa ba gague ba tu, a ba romela go Yesu, a re, A ki uena eo o tla tlañ? khotsa a re lebeletse o sele? Faic an caibideilBAEBELE e e Boitshepo19 Johane a ipiletsa barutwa ba gagwe ba le babedi a ba roma kwa go Jesu, ba ya go re: “A ke wena yo o tlang, kgotsa a re lebelele o sele?” Faic an caibideil |
Mme Morena a fetola a re, “Ke bua le mongwe le mongwe yo o ikanyegang yo o nang le tlhaloganyo yo mong wa gagwe o mo nayang tiro ya go otla batlhanka ba gagwe. Mme fa mong wa gagwe a boa a fitlhela a dirile tiro e e siameng, go tlaa nna le tuelo, mong wa gagwe o tlaa mmaya motlhokomedi wa dilo tsa gagwe tsotlhe.
Barutwa ba babedi ba fitlhela Jesu a sa ntse a alafa balwetse ba malwetse a a farologanyeng, a fodisa digole le difofu ebile a kgoromeletsa ntle mewa e e maswe. Erile ba mmotsa potso ya ga Johane, a fetola a re, “Boelang kwa go Johane mme lo mmolelele gotlhe mo lo go boneng le mo lo go utlwileng gompieno: gore ba ba neng ba foufetse ba a bona! Batlhotsi ga ba tlhole ba tlhotsa! Balepero ba setse ba fodisitswe! Bosusu ba a utlwa! Baswi ba a rula! Mme bahumanegi ba utlwa Mafoko a a Molemo.