Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 7:13 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

13 E rile fa Morena a mmona, pelo ya gagwe ya tlala kutlwelobotlhoko. Mme a mo raya a re, “Se lele!”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

13 Ya re Morena a mmona, a mo tlhomogela pelo, a mo raya a re: “Se lele.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

13 Mi ka Morena a mona, a mo utluela botluku, mi a mo raea, U si lele.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

13 Ya re Morena a mmona, a mo tlhomogela pelo, a mo raya a re: “Se lele.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 7:13
36 Iomraidhean Croise  

Hong Morena a tlhopha barutwa ba le masome a supa mme a ba roma ka bobedi ka bobedi mo metseng le metsana e o neng a laotse go e etela.


Mme ya re ka nako nngwe fa Jesu a ile go rapela, mongwe wa barutwa ba gagwe a tla mo go ene fa a fetsa a re, “Morena re rute thapelo jaaka Johane a rutile barutwa ba gagwe.”


Mme Jesu a mo raya a re, “Lona Bafarasai lo tlhatswa bokafa ntle, mme mo teng lo sa le leswe, go tletse bobelotshetlha le bosula!


Mme Morena a fetola a re, “Ke bua le mongwe le mongwe yo o ikanyegang yo o nang le tlhaloganyo yo mong wa gagwe o mo nayang tiro ya go otla batlhanka ba gagwe. Mme fa mong wa gagwe a boa a fitlhela a dirile tiro e e siameng, go tlaa nna le tuelo, mong wa gagwe o tlaa mmaya motlhokomedi wa dilo tsa gagwe tsotlhe.


Mme Morena a mo fetola a re, “Moitimokanyi ke wena! O dira go le Sabata! A ga o ko o golola dikgomo tsa gago mo marakeng a tsone go le Sabata o di kgweeletsa kwa metsing.


Ka letsatsi lengwe Baaposetoloi ba raya Morena ba re, “Re tlhoka tumelo e kgolo; re ka e bona jang?”


Jesu a ba araba a re, “Fa tumelo ya lona e le selekanyo sa peo ya mosetara, e tlaa bo e le kgolo thata go kumula setlhare se se kwa sele sa mosikamine le go se tlhoma mo teng ga lewatle! Taolo ya lona e ne e ka diragala ka bofefo!


Hong Morena a ba raya a re, “Fa e le gore moatlhodi yo o bosula o ka dira jalo,


Mme ya re ka lobaka loo, Sakaio a ema fa pele ga Morena a re, “Morena, go tloga fano ke tlaa abela bahumanegi bontlha bongwe jwa dikhumo tsa me, mme fa ke bona ke patikile mongwe mo makgethong a gagwe ke tlaa ipona molato ka go mmusetsa di tsa gagwe go menagane gane!”


Mme ya re ka lobaka loo Jesu a retologa a leba Petere mme Petere a gakologelwa gore o ne a mo reile a re, “Pele ga mokoko o lela ka moso mo mosong o tlaa bo o intatotse gararo.”


Jalo ba tsena mo teng, mme setopo sa ga Jesu sa bo se seyo.


Popelelo ya phitlho ya tswela kwa ntle fa Jesu a atamela kgoro ya motsana. Mosimane yo o neng a sule e ne e le ene fela ngwana wa mosimane wa mosadi wa motlholagadi, mme bahutsahadi ba le bantsi ba tswa nae mo motsaneng oo.


Hong a tsamaela kwa kesing ya moswi! Mme a e ama, mme batshodi ba yone ba ema. A mo raya a re, “Morwaaka, tsoga mo losong!”


a romela bangwe ba barutwa ba gagwe ba le babedi kwa go Jesu go ya go mmotsa ba re, “A o Mesia tota? Kgotsa re nne re mo lebeletse?”


Lelapa le ne le tletse batho ba ba hutsafetseng, mme a re, “Lesang go lela! Ga a a swa; o robetse fela!”


Mme bokgaitsadie ba babedi ba romela molaetsa kwa go Jesu ba mo raya ba re, “Morena, tsala ya gago e e molemo e lwala thata thata.”


Baengele ba mmotsa ba re “O lelelang?” A ba fetola a re, “Gonne ba tsere Morena wa me, mme ga ke itse kwa ba mmeileng teng.”


Mme Jesu a mmotsa a re, “O lelelang? O batla mang?” Mme a mo raya a re, “Fa o mo tsere, mpolelela kwa o mmeileng teng, mme ke tlaa tsamaya ke ya go mo tsaya.”


Erile Morena a itse gore Bafarasai ba utlwile kaga bontsintsi jo bo yang kwa go ene go na le kwa go Johane go kolobediwa le go nna barutwa ba gagwe (ntswa Jesu ene ka boene a ne a sa ba kolobetse, go ne go kolobetsa barutwa ba gagwe).


boitumelo kgotsa kutlobotlhoko kgotsa dikhumo ga di a tshwanela go kganela ope go dira tiro ya Modimo.


Mme jaanong, bakaulengwe ba ba rategang, ke batla gore lo itse se se diragalang mo Mokereseteng fa aa swa gore e tle e re fa loso lo tla, lo seka lwa utlwa botlhoko thata, jaaka ba ba se nang tsholofelo.


Mme go ne go tlhokega gore Jesu a nne jaaka rona, barwa-rraagwe, gore a tle a nne Moperesiti yo Mogolo wa rona yo o kutlwelo-botlhoko mo go rona ebile a ikanyega mo Modimong, go tlhabantsha dibe tsa batho.


Moperesiti yo Mogolo yo wa rona o tlhaloganya makoa a rona, gonne le ene o kile a nna mo dithaelong jaaka rona, le fa go ntse jalo ga a ise a ke a bo a neye dithaelo sebaka mme a leofa.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan