Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 7:12 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

12 Popelelo ya phitlho ya tswela kwa ntle fa Jesu a atamela kgoro ya motsana. Mosimane yo o neng a sule e ne e le ene fela ngwana wa mosimane wa mosadi wa motlholagadi, mme bahutsahadi ba le bantsi ba tswa nae mo motsaneng oo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

12 Ya re a atamela kgoro ya motse, ga bo go tshotswe moswi, a isiwa kwa ntle, e le morwa mmaagwe yo o esi, mme ene e le motlholagadi. Bontsi jo bogolo jwa motse jwa bo bo na nae.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

12 Mi ka a atamela khoro ea motse, bonañ, gabo gole moshui a belegeloa ntle; ea bo e le moroa mague eo esi, mi ea bo e le motlolagari; mi bontsi yo bogolu yoa motse yoa bo bo na nae.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

12 Jaana ya re a atamela kgoro ya motse, bonang, ga bo go rwelwe moswi, a isiwa kwa ntle; ya bo e le morwa mmaagwe yo o esi, mme ene mmaagwe ya bo e le motlholagadi; le batho ba le bantsi ba motse ba bo ba na le mosadi.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 7:12
20 Iomraidhean Croise  

Morago ga lobakanyana Jesu a tsamaya le barutwa ba gagwe ba ya kwa motsaneng wa Naine le batho ba bantsi ba mo kgobokanetse jaaka gale.


E rile fa Morena a mmona, pelo ya gagwe ya tlala kutlwelobotlhoko. Mme a mo raya a re, “Se lele!”


gonne ngwana wa gagwe yo o esi o ne a swa, morweetsana wa dingwaga tse di lesome le bobedi. Mme Jesu a tsamaya nae, ba sutlhelela ka bothata mo gare ga batho.


Lelapa le ne le tletse batho ba ba hutsafetseng, mme a re, “Lesang go lela! Ga a a swa; o robetse fela!”


mme baeteledipele ba Sejuta ba le bantsi ba ne ba tsile Maratha le Marea matshidiso.


Mme o ne a dira jalo, erile fela fa a goroga, ba mo tseela kwa ntlwaneng ee kwa go-dimo kwa Dorokase o neng a beilwe teng. Ntlo e ne e tletse batlholagadi ba ba lelang ba ba neng ba bontshana diaparo tse Dorokase o di ba diretseng.


A mo naya letsogo a mo thusa go tsoga mme a biletsa badumedi botlhe le batlholagadi mo teng, a ba mo neela!


Mokeresete yo o phepa a bile a sena molato, ka fa ponong ya Modimo ke yo o tlhokomelang masiela le batlholagadi, le yo mowa wa gagwe o emeng ka boammaaruri mo Moreneng, a sa marwa gope ke dibe tsa lefatshe.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan