Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 6:9 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

9 Hong Jesu a raya Bafarasai le baruti ba molao a re, “Ke na le potso. A go siame go dira tshiamo ke letsatsi la Sabata, kgotsa go tlhokofatsa? Go boloka botshelo kgotsa go bo senya?”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

9 Jesu a ba raya a re: “Ke a lo botsa ka re: Se se letleletsweng go dirwa ka Sabata ke eng? A ke go dira molemo, gongwe go dira bosula? A ke go pholosa bophelo, gongwe go bo senya?”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

9 Eriha gona Yesu o ba raeañ, Ki tla lo botsa seo señue, A ki taolo go riha molemo ka malatsi a sabata, leha e le go leoha? go buluka botselo, leha e le go bo senya?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

9 Jesu a ba raya a re: “Ke a lo botsa ka re, a go letleletswe go dira molemo ka malatsi a Sabata, kgotsa go dira bosula, go boloka botshelo kgotsa go bo senya?”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 6:9
7 Iomraidhean Croise  

Mme a retologela kwa babeng ba gagwe a ba botsa a re, “A go siame go dira ditiro tse di molemo ka malatsi a Sabata? Kgotsa a ke letsatsi la go utlwisa botlhoko? A ke letsatsi la go boloka matshelo kgotsa go a senya?” Mme ga ba ise ba ke ba mo arabe.


Mme Jesu a raya Bafarasai le bomaitseanape ba ba neng ba le foo a re, “A go kafa molaong go fodisa motho ka letsatsi la Sabata, kgotsa nnyaa?”


A leba mongwe le mongwe wa bone mme a raya monna a re, “Otlolola letsogo la gago,” mme ya re a le otlolola, la fola!


Hong a itse megopolo ya bone jang! Mme a raya monna yo o neng a golafetse letsogo a re, “Tla o eme fa, fa mongwe le mongwe a tlaa go bonang gone.” Mme monna a dira jalo.


mme ba tsamaela kwa motseng o mongwe.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan