Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 6:8 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

8 Hong a itse megopolo ya bone jang! Mme a raya monna yo o neng a golafetse letsogo a re, “Tla o eme fa, fa mongwe le mongwe a tlaa go bonang gone.” Mme monna a dira jalo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

8 mme ene a bo a itse dikakanyo tsa bone, a raya monna yo o nang le seatla se se omeletseng a re: “Nanoga o eme mo gare!” Yoo a nanoga, a ema fa teng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

8 Mi ka a itse khopolo tsa bona, a raea monona oa atla se se omeletseñ, Tloga u eme, u eme ha gare. Mi a tloga a ema ha gare.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

8 Mme a itse megopolo ya bone, mme a raya monna yo o seatla se omeletseng a re: “Nanoga, a eme fa gare.” A nanoga a ema fa gare.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 6:8
19 Iomraidhean Croise  

Jesu o ne a itse se ba neng ba se akanya mme a re, “Ke eng fa lo akanya megopolo e e maswe jaana?


Hong Jesu a raya monna a re a tle go ema fa pele ga phuthego.


Mme Jesu a mmitsa a re, “Mosadi o fodisitswe mo bolwetseng jwa gago!”


Jesu a ba a setse a itsile se ba se akantseng, mme a fetola a re, “Ke eng fa e le tlhapatso?


Hong Jesu a raya Bafarasai le baruti ba molao a re, “Ke na le potso. A go siame go dira tshiamo ke letsatsi la Sabata, kgotsa go tlhokofatsa? Go boloka botshelo kgotsa go bo senya?”


Gape gape a mmotsa a re, “Simone, morwa Johane, a o tsala ya me tota?” Petere a hutsafala ka ntlha ya tsela e Jesu o neng a botsa potso e lwa boraro ka yone. Mme a mo fetola a re, “Morena, o itse pelo ya me, O itse gore ke tsala ya gago.” Mme Jesu a mo raya a re, “Hudisa dikwanyana tsa me.


Rotlhe re tshwanetse go akofa ra dira ditiro tse re di neetsweng ke yo o nthomileng, gonne go setse nakonyana fela pele ga bosigo bo tla mme tiro yotlhe e bo e khutla.


Mme botshelo ga se sepe fa ke sa bo dirise go dira tiro e ke e neetsweng ke Morena Jesu, tiro ya go bolelela ba bangwe Mafoko a a Molemo kaga lorato le kutlwelo botlhoko e kgolo ya Modimo.


Mme Kgosi Ageripa o itse kaga dilo tse. Ke bua ke gololesegile gonne ke itse sentle gore ditiragalo tse di tlwaelesegile mo go ene, gonne ga di a direlwa mo sephiring!


lo sa boife sepe, go sa re sepe gore baba ba lona ba ka dirang. Ba tlaa bona se e leng sesupo sa gore ba fentswe, mme mo go lona e tlaa nna sesupo se se bonalang sentle se se tswang kwa Modimong gore o na le lona, le gore o lo neile botshelo jo bo sa khutleng ka ene.


O itse ka mongwe le mongwe gongwe le gongwe. Sengwe le sengwe ka rona se apogile ebile se bulegetse thata matlho otlhe a a bonang a Modimo wa rona o o tshelang; ga go na sepe se Modimo o ka se fitlhelwang, One o re tshwanetseng go o tlhalosetsa tsotlhe tse re di dirileng.


E re ka Keresete a bogile a bile a utlwisitswe botlhoko, le lona lo tshwanetse go boga fela jaaka a bogile; lo tshwanetse go ipaakanyetsa go boga, le lona. Mme ke gone gakologelwang gore fa mebele ya lona e boga, sebe se latlhegelwa ke nonofo ya sone.


mme ke tlaa bolaya bana ba gagwe. Mme diphuthego tsotlhe di tlaa itse gore ke nna yo ke sekasekang boteng jwa dipelo tsa batho, le megopolo; ke tlaa naya mongwe le mongwe wa lona se se mo tshwanetseng.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan