Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 6:7 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

7 Baruti ba molao le Bafarasai ba lebelela sentle go bona gore a o tlaa fodisa monna ka letsatsi leo, ka e ne e le la Sabata. Gonne ba ne ba ikaeletse go mmaya molato.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

7 Baitsedikwalo le Bafarisai ba mo lepa gore a o tla fodisa ka Sabata, e le gore ba bone ka fa ba ka mmayang molato ka teng,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

7 Mi bakuari le Bafarisai ba mo elatloko, ha a tla horisa ka tsatsi ya sabata, gore ba bone molatu mo go ena.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

7 Bakwadi le Bafarisai ba mo lepa gore a o tlaa fodisa ka letsatsi la Sabata; gore ba bone ka fa ba ka mo nayang molato ka teng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 6:7
14 Iomraidhean Croise  

Mme nna ka re: Se emelelaneng le bosula! Fa o phanngwa mo lerameng, retolola le lengwe.


Ka e ne e le letsatsi la Sabata, baba ba ga Jesu ba mo tlhoma matlho thata gore a o tlaa fodisa letsogo la monna yo? Fa a ne a ka dira jalo, ba ne ba ikaeletse go mo tshwara!


Mme motlhokomedi wa ntlo ya thuto ya Sejuta a gakala thata ka gonne Jesu o ne a fodisitse mosadi yoo ka letsatsi la Sabata. A goa a raya batho a re, “Go na le malatsi a le marataro mo bekeng a go dirwang ka one, ao ke one malatsi a go ka fodisiwang ka one eseng go le Sabata!”


Ya re ba ntse ba lebeletse lebaka le la bone, ba romela ditlhola di ipeile jaaka ekete ke basiami.


Bangwe ba bone ba re, “Motho yo Jesu ga a tswe kwa Modimong gonne o dira go le Sabata.” Ba bangwe ba re, “Mme motho fela wa modira dibe ao ka dira dikgakgamatso tse jang?” Mme ga nna kgaogano e tona ya megopolo mo go bone.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan