Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 6:6 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

6 Ka Sabata nngwe o ne a le mo tlung ya thuto a ruta, mme monna mongwe a ba a le foo yo o golafetseng letsogo le legolo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

6 E rile ka Sabata se sengwe a tsena mo senagogeng, a ba a ruta. Ga bo go le motho teng yo seatla sa gagwe se se jang se neng se omeletse.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

6 ¶ Mi ga rihala le mo sabateñ o moñue, a tsena mo senagogeñ a ruta; mi gabo gole monona gona, eo atla sa gague se se siameñ se omeletse.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

6 Ga dirala ya re ka Sabata o mongwe, a tsena mo ntlong ya thuto, a ruta; ga bo go le monna teng, yo seatla sa gagwe se segolo se omeletseng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 6:6
14 Iomraidhean Croise  

Jesu a tsamaya mo tikologong yotlhe ya Galalea a ruta mo dikerekeng tsa Bajuta a rera Mafoko a a Molemo kaga Bogosi jwa Legodimo. A fodisa mofuta mongwe le mongwe wa khidiego le malwetse.


Mme ka Sabata mongwe ya re a ruta mo senagogeng,


Mme Jesu a raya Bafarasai le bomaitseanape ba ba neng ba le foo a re, “A go kafa molaong go fodisa motho ka letsatsi la Sabata, kgotsa nnyaa?”


E rile fa a tsena mo motsing wa Nasaretha, mo legaeng le o tsaletsweng mo go lone, a ya jaaka gale kwa tlung ya thuto ka Sabata, mme a ema a bala dikwalo.


Mme a boela kwa Kaperenama, motse o o mo Galalea, mme a ruta teng mo senagogeng ka Sabata mongwe le mongwe.


Ka Sabata mongwe ya re Jesu le barutwa ba gagwe ba tsamaya mo gare ga masimo mangwe a mabele, ba kgetla diako ba sosorela ditlhaka mo diatleng tsa bone mme ba a ja mabele.


Mme Jesu a tlatsa a re, “Ke Morena le wa Sabata tota.”


Bontsintsi jwa batho ba ba lwalang, ba ba tlho-tsang, ba ba foufetseng, kgotsa ba ba suleng mefama ba ne ba ntse mo maobong ba letetse go fetlhega ga metsi,


Bangwe ba bone ba re, “Motho yo Jesu ga a tswe kwa Modimong gonne o dira go le Sabata.” Ba bangwe ba re, “Mme motho fela wa modira dibe ao ka dira dikgakgamatso tse jang?” Mme ga nna kgaogano e tona ya megopolo mo go bone.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan