Luke 6:44 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha44 Setlhare se lemogwa ka mofuta wa loungo lwa sone. Maungo a difeige ga a ka ke a ungwiwa ke ditlhare tse di mitlwa, kgotsa moretlwa mo manganeng. Faic an caibideilSetswana 197044 Kana setlhare sengwe le sengwe se itsiwe ka leungo le e leng la sona. Gonne ga go ke go fulwa difeie mo ditlhareng tse di mitlwa, le gona ga go ke go fulwa leungo la moweine mo mosung. Faic an caibideilBibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)44 Gone tlare señue le señue se itsioe ka louñuo loa shona. Gone ba thu go ba hule lifeige mo mitlueñ, le louñuo loa movine mo moñaneñ. Faic an caibideilBAEBELE e e Boitshepo44 Gonne setlhare sengwe le sengwe se itsiwe ka loungo lwa sone. Gonne batho ga ba ke ba hula difeige mo ditlhareng tse di mitlwa, le fa e le loungo lwa mofine mo monganeng. Faic an caibideil |
Mme fa banna ba ba ikopanya le lona mo meketeng ya lorato ya phuthego ke dilabe tse di maswe mo gare ga lona, ba a tshega ba tsweletse pele, ba bohula ba ikatela dijo ba sa akanyetse ba bangwe ba tshwana le maru a a kgokgoediwang ke phefo mo lefatsheng je le omeletseng a sena pula, ba solofetsa go le gontsi mme go se na sepe. Ba tshwana le ditlhare tsa maungo tse di senang sepe ka nako ya thobo, ga ba a swa fela, ba sule mo go menaganyeng, gonne ba epolotswe gotlhe ka medi go fisiwa.