Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 6:12 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

12 Ka letsatsi lengwe Jesu a tswela mo dithabeng go ya go rapela, bosigo jotlhe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

12 Mo malatsing ao a tswela kwa thabeng go rapela; mme a lala a rapela Modimo bosigo jotlhe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

12 Mi ga rihala mo metleñ euo, a coela kua thabeñ go rapela; mi a na gona bosigo yotle mo thapeloñ go Morimo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

12 Mme ya re mo metlheng eo ga dirala gore a tswa a ya kwa thabeng, a ya go rapela; mme a lala a rapela Modimo bosigo jotlhe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 6:12
23 Iomraidhean Croise  

Mme ya re ka letsatsi lengwe fa bontsintsi jwa batho bo kokoana, a tlhatlogela le barutwa ba gagwe mo mhapheng wa thaba, mme a nna fa fatshe le bone a ba ruta.


Mme fa o rapela, tsamaya o le nosi, o itswalele mo tlung mme o rapele Rraeno ka sephiri, mme Rraeno yo o itseng diphiri tsa gago, o tlaa go duela.


Erile mo mosong o o latelang a phakela thata a tsamaya a le esi go ya go rapela mo nageng.


Erile morago ga moo a tlhatlogela kwa godimo ga dithaba mme a bitsa bangwe ba ene o ba tlhophileng, a ba laletsa go tsamaya nae; mme ba dira jalo.


Morago ga moo a tsamaya a ya kwa dithabeng go rapela.


Mme Jesu o ne a tle a ngwangwaelele kwa nageng go ya go rapela.


Mme ya re ka ntlha ya tiragalo e, baba ba ga Jesu ba galefa thata, mme ba simolola go rerisanya polao ya gagwe.


Erile fa ba fologa mekgokolosa ya thaba, ba ema le Jesu mo lobaleng lo lo tona, ba dikaganyeditswe ke bontsi jwa balatedi ba gagwe, ba le bone ba neng ba dikaganyeditswe ke bontsintsi jwa batho. Gonne batho botlhe ba ba tswang mo tikologong ya Judea le go tswa Jerusalema le go tswa bokgakala jwa bokone jwa lotshitshi lwa lewatle la Ture le Sidona ba ne ba tsile go mo reetsa a ruta kgotsa a fodisa. Mme a kgoromeletsa mewa e e maswe e le mentsi ntle.


Ka letsatsi lengwe fa a le esi, a rapela le barutwa ba gagwe, a tla kwa go bone a ba botsa a re, “Batho ba re ke mang?”


Morago ga malatsi a le lesome le bofera bobedi Jesu a tsaya Petere, Jakoba le Johane go ya go rapela kwa dithabeng.


Mme ya re a ntse a rapela, sefatlhogo sa gagwe sa simolola go phatsima le diaparo tsa gagwe tsa sweufala tsa lakasela.


Se lapisegeng mo thapelong; nnang mo go yone; lebelelang dikarabo tsa Modimo lo bo lo gakologelwe go leboga fa di tla.


Mme le fa go ntse jalo, erile Keresete a sa le mo lefatsheng a kopa Modimo, a rapela ka dikeledi le mowa o o thubegileng, a rapela ene fela yo o tlaa mo gololang mo losong lo lo neng lo sa solofediwa. Mme Modimo o ne wa ultwa dithapelo tsa gagwe ka ntlha ya keletso ya gagwe e e nonofileng ya go eletsa go ikobela Modimo ka dinako tsotlhe.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan