Luke 5:8 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha8 Erile Simone Petere a lemoga se se diragetseng a itigela ka mangole fa pele ga ga Jesu mme a re, “Ao, Morena, tswee-tswee, re tlogele ke moleofi yo mogolo go ka nna le wena.” Faic an caibideilSetswana 19708 Ya re Simone Petoro a bona, a wela fa mangoleng a ga Jesu a re: “Morena, ntlogele, ka gonne ke monna yo o boleo.” Faic an caibideilBibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)8 Mi ka Simone Petero a bona yalo, a oela ha mañoleñ a ga Yesu, a re, ’Ntlogela, Morena, gone ki monona oa boleo. Faic an caibideilBAEBELE e e Boitshepo8 Simone Petere ya re a bona jalo, a wela fa mangoleng a ga Jesu a re: “Ntlogela Morena, gonne ke motho wa boleo.” Faic an caibideil |
Mme mogolwane a re, “Rra ga ke a lekana go go tseela kwa lwapeng lwa me gape ga go tlhokafale gore o tle. Fa o ka nna fela fa mme wa re, ‘Fola’, motlhanka wa me o tlaa fola! Ke a itse, ka gore ke ka fa tlase ga taolo ya baeteledipele ba me ba bagolo mme ke na le taolo mo masoleng a me, mme ke raya lengwe ke re, ‘Tsamaya’ mme le tsamaye, mme ke reye le lengwe ke re, ‘Tla’ mme le tle, mme ke reye motlhanka wa me wa mosimane ke re, ‘Dira se kgotsa sele’ mme a se dire. Mme ke itse gore o na le thata ya go raya bolwetse jwa gagwe o re bo tsamaye mme bo tlaa tsamaya.”
Mme fela jalo, re ka bona ra bo ra tlhaloganya go le gonnye fela kaga Modimo, jaaka ekete re lebetse tsabakelo ya gagwe mo seiponeng se se letobo; mme letsatsi lengwe re tlaa mmona fela jaaka a ntse, re lebane mo matlhong. Mme gompieno ke santse ke le mo letobong, mme e tlaa re kwa morago ke tlaa bona sengwe le sengwe sentle; fela jaaka Modimo o bona mo teng ga pelo ya me gompieno.