Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 5:2 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

2 Mme a lebela mekoro e mebedi e e senang sepe e eme fa thoko ga metse fa batshwari ba ditlhapi ba tlhatswa matloa a bone.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

2 a bona mekoro e mebedi e eme fa letsheng; batshwari ba ditlhapi ba bo ba dule mo go yona, ba tlhatswa matloa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 Mi a bona lishepa li tu li eme ha letseñ; mi bacuari‐litlapi ba rule mo ga cona, go cokotsa litloa tsa bona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 Foo a bona mekoro e le mebedi e eme fa bodibeng, mme batshwari ba ditlhapi ba bo ba dule mo go yone, ba tlhatswa ditloa tsa bone.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 5:2
7 Iomraidhean Croise  

Mme ya re ka letsatsi lengwe a tsamaya mo motlhabeng wa lotshitshi lwa Lecha la Galalea, a bona banna ba le babedi, bana ba motho, ebong Simone yo o bidiwang Petere le Anderea, ba le mo mokorong ba tshwara ditlhapi ka lotloa ka e ne e le batshwari le barekisi ba ditlhapi.


Ya re kgakalanyana mo motlhabeng wa lotshitshi, a bona bana ba motho ba bangwe gape ba le babedi, ebong Jakobe le Johane ba ntse mo mokorong le Sebede rraabo, ba roka matloa a bone; mme le bone a ba bitsa.


Letsatsi lengwe fa Jesu a tsamaya fa lotshitshing lwa lewatle la Galalea, a bona Simone le Anterea monnawe ba tshwara ditlhapi ka matloa, gonne e ne e le batshwari ba ditlhapi ba ba di rekisang.


Mme kgakajana fa lotshitshing lwa lewatle, a bona bomorwa Sebede, Jakobe le Johane, ba le mo mokorong ba baakanya matloa a bone.


Mme ya re ka letsatsi lengwe a rera mo lotshitshing lwa lecha la Genesareta, bontsintsi jo bogolo jwa batho jwa kokoanela mo go ene go reetsa Lefoko la Modimo.


Erile Jesu a tsena mo go mongwe wa mekoro, a raya Simone mong wa mokoro o mongwe a re, a o suteletse kwa pelenyana mo metsing gore a tle a nne mo go one a bue le batho a le mo teng.


(Mongwe wa banna ba e ne e le Anderea Monnaa Simone Petoro).


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan