Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 5:12 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

12 Mme ka letsatsi lengwe mo motsaneng mongwe o a neng a o etela, teng koo ga bo go le monna yo o neng a na le lepero le le sa foleng. Erile a bona Jesu a itigela fa fatshe fa pele ga gagwe, a oba sefatlhogo a kopa gore a fodisiwe. A re, “Morena, fa o rata o ka mphodisa.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

12 Bonang, e rile a le mo motseng mongwe, ga bo go le monna yo o tletseng lepero; ya re a bona Jesu, a wela fa fatshe ka sefatlhego, a mo rapela a re: “Morena, fa o rata, o ka mphodisa, ka phepafala.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

12 ¶ Mi ga rihala ka a le mo motseñ moñue, bonañ, gabo gole monona eo o tletseñ lepero; ka a bona Yesu a oela ka sehatlogo, a mo rapela, a re, Morena, ha u rata, u ka ’nntlahatsa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

12 Ga dirala e rile le mo motseng mongwe, bonang, monna yo o tletseng lepero; yo e rileng a bona Jesu a wela fa fatshe ka sefatlhogo, a mo rapela, a re: “Morena, fa o rata, o na le thata go nntlafatsa.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 5:12
27 Iomraidhean Croise  

Foo Jesu a tswela kwa Bethania, kwa legaeng la ga Simone wa molepero.


Ba tsena mo tlung kwa a neng a nna teng, Mme Jesu a ba botsa a re, “A lo dumela fa ke nonofile go lo foufolola?” Ba re, “Morena, re a dumela.”


a mo rapela gore a fodise morwadie. A bua ka tlhwaafalo e kgolo a re, “O gaufi le go swa. Tswee-tswee tla o mmee diatla gore a tshele.”


A wela fa fatshe fa pele ga dinao tsa ga Jesu, a lebile fa fatshe mo loroleng a lebogela se a se dirileng. Monna yo e ne e le Mosamarea yo o nyatsegileng.


Hong Jesu a otlolola seatla a ama monna yoo mme a re, “Go ntse jalo ke a rata, fola!” Mme lepero la mo tlogela ka bonako.


O nonofile go bolokela ruri botlhe ba ba tlang kwa Modimong ka ene. Ka a tlaa tshelela ruri, o tlaa nna teng ka malatsi otlhe go gakolola Modimo gore o dueletse dibe tsa bone ka madi a gagwe.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan