10 Le bapati ba bangwe le bone bo Jakobe le Johane, bomorwa Sebede. Mme Jesu a fetola a re, “Se tshwenyege! go simolola gompieno lo tlaa tshwara mewa ya batho!”
10 fela jalo di tshwara le boJakobo le Johane, bomorwa Sebeteo, ba e leng balekane ba ga Simone. Jesu a raya Simone a re: “O se ka wa boifa; go simolola kajeno o tla nna motshwari wa batho.”
10 le bone boJakobe jalo le Johane, bomorwa Sebete, e le balekane ba ga Simone. Jesu a raya Simone a re: “O se ka wa boifa; go simolola ka leno o tlaa tshwara batho.”
“Gape, Bogosi jwa legodimo bo ka tshwantshanngwa le motshwara-ditlhapi, yo o latlhelang letloa la gagwe mo metsing a ba a tshwara methalethale ya ditlhapi, dingwe di le tlhotlhwa kgolo tse dingwe di sena tiro. Fa letloa le tletse, o le gogela fa lotshitshing, a nna fatshe a tlhopha tse di ka nnang monate a bo a di paka mo matloleng mme tse dingwe a di latlhela koo.
Ya re kgakalanyana mo motlhabeng wa lotshitshi, a bona bana ba motho ba bangwe gape ba le babedi, ebong Jakobe le Johane ba ntse mo mokorong le Sebede rraabo, ba roka matloa a bone; mme le bone a ba bitsa.
Maina a bone ke a: Simone (yo o neng a bidiwa Petere), Anderea (monnawe Simone), Jakobe, Filipo, Barotholomea, Mathaio, Thomase, Jakobe, (morwa Alafaio), Simone, (yo o neng a bidiwa “Moselote”) Judase (morwa Jakobe), Judase Isekariota (yo o neng ya re morago a oka Jesu).
Setlhopha sa rona se ne se le teng koo, Simone Petere, Thomase “Lewelana” Nathaniele wa Kana mo Galalea, mokaulengwe Jakobe le nna le barutwa ba bangwe ba babedi.
Mme botlhe ba ba neng ba le teng ba tladiwa ka Mowa O O Boitshepo, mme ba simolola go bua ka dipuo tse ba sa di itseng, gonne Mowa O O Boitshepo o ne wa ba naya nonofo e.
Fa mongwe a botsa gore Tito ke mang, lo re ke modiri ka nna, mothusi wa me mo go lo thuseng, mme lo ka nna lwa re bakaulengwe ba bangwe ba babedi ba emetse diphuthego fano, ke dikai tse di galalelang tsa ba e leng ba Morena.
Mme ba tlaa itharabologelwa mme ba falole mo serung sa botlhanka sa ga Satane sa go leofa, se o se dirisang go ba tshwara ka nako nngwe le nngwe e o e ratang, mme jalo ba ka simolola go dira go rata ga Modimo.