Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 4:8 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

8 Jesu a fetola a re “Re tshwanetse go obamela Modimo, ene ka esi. ‘Go kwadilwe jalo mo dikwalong.’ ”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

8 Jesu a mo araba a re: “Go kwadilwe ga twe: ‘Obamela Morena, Modimo wa gago, o direle ena a le esi fela.’ ”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

8 Mi Yesu a araba a mo raea, Tloga ha go ’na, Satana, gone go kuariloe, U tla obamela Yehova Morimo oa gago, mi ona osi u tla o rihela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

8 Jesu a mo fetola a re: “Go kwadilwe ga twe: ‘O obamele Morena Modimo wa gago, mme o direle one o le osi fela.’ ”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 4:8
14 Iomraidhean Croise  

Jesu a retologela kwa go Petere a re, “Tloga fa go nna, Satane ke wena! O lemena le le diphatsa mo go nna. O akanya ka fa batho ba bonang ka teng, e seng ka fa Modimo o akanyang ka teng.”


Mme Jesu a mo raya a re, “Tloga fa Satane. Dikwalo tsa re, ‘obamela Morena Modimo a le nosi. Reetsa ene fela.’ ”


Mme Jesu a mo fetola a re, “Go kwadilwe mo dikwalong gatwe, ‘Dilo dingwe mo botshelong di botlhokwa thata go na le senkgwe.’ ”


Ke gone ineeleng mo Modimong ka boingotlo. Tlhabanang le diabolo mme o tlaa lo tshaba.


Nitamang fa a tlhasela. Ikanyeng Morena; lo bo lo gakologelwe gore Bakeresete ba bangwe mo tikologong ya lefatshe le bone ba raletse dipogiso tse.


Mme ka wela fa dinaong tsa gagwe go mo obamela, mme a re, “Nnyaa! o se ka wa nkobamela! Gonne ke motlhanka wa Modimo fela jaaka wena, le jaaka bakaulengwe ba gago ba ntse mo Moreneng, ba ba supang ka tumelo ya bone mo go Jesu. Maikaelelo a seporofeso sotlhe le a gotlhe mo ke go go supegeditseng ke go bolela kaga Jesu.”


mme a nthaya gape a re, “Nnyaa, se dire sepe se se ntseng jalo. Le nna ke motlhanka wa ga Jesu jaaka wena, le jaaka bomorwa rrago ba ntse, le botlhe ba ba bolokileng boammaaruri jo bo kwadilweng mo lokwalong lo. Ba obamela Modimo o le osi.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan