Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 4:6 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

6-7 mme Satane a mo raya a re, “Ke tlaa go naya magosi a mantle a otlhe le kgalalelo ya one gonne ke a me ke a naya mongwe yo ke eletsang go a mo naya fa o ka khubama ka mangole wa nkobamela.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

6 Diabolo a mo raya a re: “Ke tla go naya borena jotlhe jo, le kgalalelo ya jona; gonne ke bo filwe, mme ke bo naya yo ke ratang go bo mo naya.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

6 Mi diabolo a mo raea, Ki tla gu naea thata eotle e, le khalalelo ea aona; gone ki li necoe, mi ki ka li naea eo ki ratañ go mo naea.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

6 Diabolo a mo raya a re: “Ke tlaa go naya thata yotlhe e, le kgalalelo ya magosi a, gonne mo go neetswe nna, mme ke ka go naya yo ke ratang go go mo naya.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 4:6
15 Iomraidhean Croise  

Lobaka lwa katlholo ya lefatshe lo gorogile, le nako ya fa Satane, Kgosana ya lefatshe leno a tlaa kgoromelediwang ntle.


“Ga ke nako e ntsi ya go bua le lona, gonne Kgosana e e bosula ya lefatshe leno e a atamela. Ga e na nonofo epe mo go nna,


Gonne lo bana ba ga rraa-lona ebong Diabolo, jalo he lo rata dilo tse di bosula tse a di dirang. Ene o sale a nna mmolai le mo tshimologong, le Moidi wa boammaaruri, ga go na le fa e le tlhase-nyana ya boammaaruri mo go ene. Fa a bua maaka, ke tlwaelo ya gagwe gonne ke Ramaaka.


Le fa go ntse jalo ga ke hakgamale! Satane o ka iphetola moengele wa lesedi,


Lo ne lo tsamaya le bontsintsi jwa batho mme lo ne lo tshwana fela le ba bangwe botlhe, lo tletse boleo, lo ikobela Satane, kgosana e kgolo ya nonofo ya loapi, e e dirang mo dipelong tsa ba ba kgatlhanong le Morena gone jaanong.


Ee, botshelo jwa rona jwa tlholego bo tlaa nyelela jaaka bojang fa bo nna bosetlha bo omelela. Bogolo jwa rona jotlhe bo tshwana le sethunya se se kgolegang se bo se wela fa fatshe;


Re itse gore re bana ba Modimo le gore lefatshe lotlhe mo tikologong ya rona le ka fa tlase ga nonofo le taolo ya ga Satane.


Kgogela e kgolo e, ebong noga ya bogologolo e e bidiwang diabolo, kgotsa Satane, ene yo o tsietsang lefatshe lotlhe, o ne a latlhelwa mo lefatsheng le mophato wa gagwe otlhe.


Sebatana se, se ne se tshwana le lengau mme se na le maroo a a tshwanang le a bera le molomo o tshwana le lengau mme se na le moroo a a tshwanang le a bera le molomo o tshwana le wa tau! Mme kgogela ya se naya nonofo ya yone le setilo sa bogosi le taolo e kgolo.


Mme kgogela ya se naya nonofo go tlhabantsha batho ba Modimo le go ba fenya, le go busa dichaba tsotlhe le dipuo mo lefatsheng lothe.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan